Breaking News

Ba kgothadiwa go lwantsha kgonkgontsho

14 Aug 2025

Borre ba kgothaditswe go nna le boikarabelo le go tsaya ditshwetso tse di maleba go lwantsha kgokgontsho ya bong.

Seo se builwe ke Molaodi wa Tonota, Rre Keabetswe Lesiela ko bokopanong jwa borre kwa Semotswane bosheng.

Rre Lesiela a re borre ba ka tsenelela dithuto puisanyo tse di tshwarwang ke ba Men Sector tse di thusang go aga boitsholo jwa rre o ka sireletsang.

A re dikgang tsa kgonkgontsho ya bong di goletse pele di akaretsa dipolao, go tshosetsa go bolaya, petelelo, go tlhakanela dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, titeo le tse dingwe mme e bile di tshwenya fela thata mo kgaolong.

Rre Lesiela a re go amogana megopolo ga mmogo le tse di tshwenyang borre kwa di phuthegong tse, go ka thusa le go tsisa tlharabololo mo dikganyeng tsa kgonkontsho ya bong.

O ne a rotloetsa borre go emisa mokgwa wa go swela mo teng ga ba na le se se ba tshwenyang, ka se se ka thusa go ritibatsa maikutlo a bone.

“Go bua ka mathata a gago le o mongwe go mosola e bile go tsisa tlharabololo. Itlwaetseng go bua ka tse di sa le tseeng sentle, dikgwetlho le matshwenyego le sa swabe gore le tla tshegwa,”ga tlhalosa Rre Lesiela.

Rre Lesiela o ne gape a tlatsa ka gore borre ke batho ba ba sireletsang malwapa mme ka jalo go le maleba go itshwara ka boitsholo jo bo rileng fa pele ga bana gore ba ithute tse di molemo.

Fa a tswa la gagwe, Mogolwane wa Sepodisi kwa Tonota, Assistant Superintendent Moses Gaboswelwe, o supile fa borre ba amega ka dipalo tse di kwa  godimo mo dikganyeng tse di amanang le kgokgontsho.

Rre Gaboswele a re kgaolo ya Tonota e kwadisetse melato ya dipetelelo e le masome a le mararo le botlhano ka ngwaga wa 2024, mme ga gatisiwa di le lesome le boferabobedi mo ngwageng ono go tswa ka Hirikgong go tsena mo nakong eno.

Dikgetsi tsa di polaano tsa marato go gatisetswe di le tlhano ka ngwaga wa 2024 mme ga gatisiwa le e le nngwe monogwaga.

Mo dikgetsing tsa ditetio tse dikgolo, a re go gatisetswe di le masome a mabedi le bone mo ngwageng o fetileng, di le tlhano ngwaga ono.

Rre Gaboswele a re tse ke dingwe tsa melato e amanang le kgonkgontsho ya bongwe, a tlatsa ka gore di a tshwenya, mme e bile borre ke bone ba di gogang ko pele ka dipalo.

O ne a kopa borre go itse ka melao ya lefatshe leno, go nna le kitso e maleba gore ba seka ba iphitlhela ba dirile melato e le ka ntlha ya bosena kitso.

Mooki wa kokelwana ya Tonota, Rre Ikanyeng Morapelo o ne a kgothatsa borre go tsibogela botsogo jwa bone ka go ya kokelong. 

A re go le gantsi borre ba maoto a tshupa go ya kokelong go kopa dithuso, diakaretsa le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.

“A re sekang ra tshaba go ya bookelong re re bonnese ba ka re tshega,” ga tlatsa jalo Rre Morapelo.

O ile a kopa borre go nna le boikarabelo ka go dirisana le mokapelo a le mongwe, go dirisa sekausu a re tse di ka hema kanamo ya mogare wa HIV ga mmogo le makowa a mangwe a tshelanwang.

Mongwe wa ba tsenelela phuthego eo, Rre Othomame Mokeresete, a re nako e tsile ya gore borre ba reediwe ba sa kgobiwe e bile ba hiwe le sebaka sa go bua ka mathata a bone ba sosologile.

A re bontsi jwa nako fa ba ya go bega dikgang tsa bone, ga ba tsewe sentle e bile ba nyenyefadiwa a re se se dira gore ba swele mo teng ka dikgwetlho tse ba di ralalang.

Rre Mokeresete a re go tshwanetse go nna le fa go sephirinyana kwa mafelong a tshwana le kwa diofising tsa sepodisi, kwa ba ka ikuelang teng mo sephiring. 

Bokopano jo jwa borre, bo ne bo rulagantse ke ba Tonota Men Sector, maikaelelo e le go rutuntsha borre ka dikgang tse di ba amang gammogo le dikgang tse di tshwenyang tsa kgonkgontsho ya bong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Semotswane

Event : Bokopano jwa borre

Date : 14 Aug 2025