Setlhora o simolola loeto kgatlhanong le kgokgontsho ya bong
14 Aug 2025
Mosimolodi wa lekalana le le ikemetseng la Total Man kwa Molepolole, Rre Reginald Setlhora o tlaa simolola loeto lwa go ruta a bo a bua le borre kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
Rre Setlhora o tlhalositse mo potsolotsong gore o tlaa tsaya loeto lwa malatsi a ferabobedi, go simolola kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boraro, kwa Lobatse go fitlha e le masome a mararo fa a tlaabo a goroga kwa Molepolole.
A re maikaelelo magolo ke go ruta borre le bana ba basimane ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, tse gantsi borre ba bolayang bomme morago ba ikgapele matshelo.
Rre Setlhora a re dipolano tse dingwe di diragala bana ba lebile, selo se a reng se dira gore ba itse gore go bolaya ke yone tharabololo ya mathata.
A re o eletsa gore borre ba itshekatsheke, gore ba godisa jang bana ba basimane.
Dikgang tsa kgokgontsho ya bong go builwe thata ka tsone jaanong go tshwanetse ga diragadiwa, borre ba seka ba tshaba go ikuela, Rre Setlhora a supa a bo a a tlatsa ka gore molao o beile borre thata ka fa mosing mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bong a re ke nngwe ya dikgwetlho tse di ba tshabisang go ikuela, a re mme borre ga se batho ba go tsholola dikeledi kana ba lela ba dira mo gotweng keledi ya monna leso, mme seo ga se a siama.
A re banna ke batho ba ba sa kgoneng go lebagana le diemo, di tshwana dikoloto, kgotsa motho a na le bothata bope fela go bo arabela kwa makgotleng, mme a bone gole botoka go ikgapela botshelo.
O tsweletse a tlatsa ka gore tshwaragano ya ngwana wa mosimane le rre le bana le seabe botlhe e ka dira pharologanyo, a bolela mo ga se loeto fela ke pitso ya go tla ditharabolo, tsa go fenya kgokgontsho ya bong le gone go bona gore mo isagong e tla bo e nyeletse.
Rre Setlhora a re o tsamaya sekgala sa dikhilomithara dile makgolo mabedi go tswa kwa Lobatse a feta kwa Kanye, Moshupa, Thamaga Gaborone mme a ye go felela kwa Molepolole, ga go ikwadisiwe ka madi mongwe le mongwe o gololesegile go tsaya karolo,
O boletse gape gore morago ga leeto le, maikaelelo a mangwe ke go simolodisa kago ya lefelo la borre kwa Molepolole go ba thusa ka tsa botsogo kgotsa lefelo le le babalesegileng la borre go ka bua dikgang tsa bone ba sa kgorelediwe ke sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2025