Breaking News

Go sha ga ntlo go baka leso la mo-na-le bogole

13 Aug 2025

Mookamela mapodisi a Shakawe Superintendent Ogolotse Tampa a re o tshwentswe ke ditiragalo tsa molelo tse di tsweletseng ka go kekela mo kgaolong ya gagwe. 

O buile se, morago ga tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a supa le boraro a shetseng mo ntlong kwa kgotleng ya Phachanga kwa Shakawe.

Mo potsolotsong le BOPA,  Supt Tampa o tlhalositse fa ba sepodisi ba ne ba begelwa ke rre mongwe, yo e leng setlogolo sa monna yoo, fa ntlo nngwe mo lelwapeng la bone e e sha mme go na le mongwe mo teng ka Labotlhano ka nako ya lesome le bongwe bosigo.

Supt Tampa a re ba sepodisi ba ne ba ragogela kwa tiragalong mme ya re ba ntsha monna yoo ba fitlhela a shele fela thata.

A re ba ne ba mo isa kwa kokelong ya J.P Kavindama kwa Shakawe kwa ba bongaka ba rurifaditseng fa a tlhokafetse.

Supt Tampa a re ditlhotlhomiso di tsweletse go batlisisa se se bakileng molelo fa mmele wa moswi o ile go dirwa loaro le le tlhalosang se se bakileng loso kwa Maun.

Le fa go ntse jalo, Supt Tampa o kopile setshaba go tlhokomela bagolo ka ebile a supile fa moswi e ne e le mo-na-le bogole mme a ne a nna a le nosi mo ntlong le ntswa go na le bangwe ba masika mo ntlheng e nngwe ya lelwapa.

O tladitse ka gore ditiragalo tsa melelo di a tshwenya mo kgaolong ya gagwe, a re bosheng go nnile le tiragalo e e bakileng go sha ga matlo a le mane le tatlhegelo ya dithoto tse di jang P30 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2025