Breaking News

Mmelaelwa o ineile naga

13 Aug 2025

Mapodisi a Lobatse a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a mabedi le bongwe a thubeditsweng ke monna wa dingwaga tse masome a mabedi le boferabobedi yo a kileng a bo a ratana le ene kwa Gopong gaufi le Lobatse.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, mookamela mapodisi a Lobatse Superintendent Boitshepho Kaisara a re mapodisi ba amogetse pego eo ka Tshipi motshegare, morago ga gore mme yoo a ikuele, a bolela fa mmelaelwa a itseetse dikobo ka dikgoka mo go ene ntle le tumalano.

Supt Kaisara a re mme yoo o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a mo kukunela bosigogare kwa lelwapeng la gagwe mme a feta a mo gogela kwa a nnang teng kwa a fetileng a itseela dikobo ka dikgoka a bo a tsena ka lenga la seloko.

A re e ne ya re morago ga go amogela pego, mapodisi a ragogela kwa lelwapeng la tiragalo,  go batla mmelaelwa, mme ba fitlhela a ineile naga.

 Supt Kaisara a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse, mme ba mo patlong ya mmelaelwa ka jalo setshaba se kopiwa gore ope yo o ka utlwalelang rre yoo a itsise mapodisi a a gaufi.

O ne gape a rotloetsa mmelaelwa gore a ipege kwa mapodising go ba thusa ka ditlhotlhomiso. 

A supa jalo gore mapodisi ba tshwentswe ke go golela pele ga dikgang tsa kgokgontsho ya bong le dikgang tsa mofuta o, tse mo go tsone batho ba ba kileng ba bo ba ratana, fa ba sena go kgaogana go nne le dikgang tsa thubetso. 

Ka jalo o ne a rotloetsa batho go ikgapha mo dikgannyeng tsa mofuta o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2025