Mapodisi a kopa go batlisiwa borre ba bane
13 Aug 2025
Mapodisi a Palapye a ikuela mo setshabeng go ba batlisa borre bangwe ba erileng ka Labotlhano wa beke e e fetileng ba thukhutha rre mongwe yo o dirang e le ngaka kwa Hirui Medical Centre kwa Palapye dilwana tsa madi a a ka tshwarang P11 200 le madi a a kana ka P3 000.
Mogolwane wa mapodisi kwa Palapye, Superintendent Kodziba Phuluweni a re rre yoo, o ne a tsenelelwa ke banna ba le bane mo ntlong bosigo kwa a nnang teng kwa Extension 4, ba ipipile difatlhego.
A re bone joo, bo ne bo ipapanne ka sengwe se se lebegang e le tlhobolo le thobane mme ba mmofa diatla ka mogala, ba mmaya kwa ntlwaneng ya boitiketso mme ba mo amoga dilwana tsa gagwe, ya re morago ba inaya naga.
Supt Phuluweni a re banna bao ba ne ba amoga rre yoo megala ya letheka e le mebedi ya madi a a ka tshwarang P4 200, laptop ya madi a a kana ka P7 000 le P3 000.
A re morago ga tiragalo eo, rre yoo o ne a kgona go ipofolola mme a leletsa ba sepodisi ba ba neng ba tsiboga.
Bone joo, ga bo ise bo tshwarwe mme mapodisi ba santse ba le mo patlong ya bone ka jalo, ba kopa setshaba go ba thusa.
Supt Phuluweni o ne gape a supa matshwenyego ka mafelo a dino a a sa tswalweng ka nako a supa fa go le gantsi go felela go nna le ditiragalo tse di ngomolang pelo ka batho ba felela ba itshiele phetelela fa mo dinakong tse dingwe go felela go baka borukutlhi.
O ne a fa sekai ka tiragalo ya polao e e neng ya diragala bosheng kwa masimong a Makoro gaufi le Palapye, fa rre mongwe wa dingwaga tse 51 yo o tlholegang kwa Dukwi, a ne a tlhabiwa ke rre wa dingwaga tse 29 wa Lecheng ka sengwe se se bogale ba ne ba itisitse, mme a tlhokafala.
Supt Phuluweni a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boraro mo mosong mme se se supa fa lefelo leo la dino le ne le sa tswalwa ntswa go ne go le makuku.
O ne a kopa beng ba mafelo a dino go obamela dinako tsa go tswala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 13 Aug 2025







