Breaking News

Setlhopha se abela baithuti dimpho

12 Aug 2025

Setlhopa sa kgwele ya dinao ya itloso bodutu sa Gumare Social Club se abetse baithuti bangwe ba sekole sa Okavango Junior Secondary dimpho.
 
Fa a bua kwa tirong ya go abela baithuti ba le lesome le boraro ba basimane dimpho tse di akaretsang didirisiwa tsa go tlhapa ka Labone, modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Phillimon Jwanga, o tlhalositse fa ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba basimane ka go le gantsi dithuso di sokamela kwa baneng ba basetsana.
 
Rre Jwanga o ne a re bana ba basimane fa ba sa tlhokomelwe sentle ba ka felela ba inaakanya le dilo tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le tiriso ya ditagi.
 
O tlhalositse fa setlhopha sa bone se tlhamilwe ka ngwaga wa 2022 ka maikaelelo a go itshidila mmele gore maloko a nne le botsogo jo bo lolameng, le go thusa setshaba fa ba bonang go na le letlhoko.
Rre Jwanga a re ka jalo ba butse dikgoro go thusa setshaba. 
 
A re ba tlaa tswelela ba thusa bana bao le ka bogakolodi gore ba nne le boikarabelo, a tlatsa ka gore kgodiso ya bana e tlhoka botlhe mo setshabeng e seng barutabana le batsadi fela.
 
O tsweletse a re dimpho tseo ba kgonne go di reka ka tshwaragano ya setlhopha sa bone le sa Molepolole Institute of Health Sciences, ba ba neng ba na le motshameko le bone kgwedi ya Phukwi. Fa a amogela dimpho, morutabana yo mogolwane wa sekole sa Okavango, Rre Mpho Motsewabeng, o ne a lebogela maiteko ao a go aga ngwana wa mosimane le go thusa bana ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokileng lesego.
 
Rre Motsewabeng o ne a gatelela botlhokwa jwa go tlhokomela bana ba basimane gore ba seka ba raelesega ba tswa mo tseleng.
O ne a re tiro eo ya go thusa baithuti e supa popagano mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gaborone

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Aug 2025