Molwantwa o bontsha Mothibedi dinaledi
12 Aug 2025
Go ne go thibile go rile thii! Go sena fa motho a ka bayang lenao teng, ditilo e le moka mokgabisa ka go ne go sena yo o nang le nako ya go nna mo go tsone, mogote le one o iphile maatla.
Geor-gi-noh! Geor-gi-noh! Mogwasa wa leina la lekawana George Molwanta, yo o neng a lekana mashetla le Onkarabile ‘Scara’ Mothibedi kwa motshamekong wa mabole maitseboeng a Matlhatso mo Gaborone.
Ntwa e, e e neng e kgatlhisa thata, ke nngwe ya tse thataro tsa Fight Night Championship, e e tshegediwang ke Bond Ngubane wa mokgatlho wa Bond Boxing, o mo ngwageng o no, o neng o le mo legatong la bone.
Ya re fela fa tloloko e lela go simolodisa tikologo ya ntlha ya ntwa, ya nna ekete ntwa ya basimane ba ne ba emetse gore yo mongwe a phaile mmu.
Lebole la lelela boatleng, matlhagatlhaga a boo babedi ya ne e kete a banna ba tsile ba jele sengwe se se ba fang maatla.
Erile fela fa tikologo ya bobedi ya ntwa ya National Featherweight Contest e simologa, ya nna e kete ke gone ntwa e simologang, makawana oo mabedi a tla a tsholeditse motshameko, a ruthana go utlwala go ipatlela dintlha go fenya motshameko o e neng e le wa ntlha wa ga Georginoh e le ramabole yo o duelwang go bogelwa ke setshaba.
A bo a ntse a le kwa godingwana Georginoh, lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, go tswa kwa Lobatse, mme a ikatisa kwa Master Fitness.
Scara, yo ene a tlholegang kwa Good Hope mme a le mogolwane mo go Gerginoh ka dingwaga tse pedi fela, o ikatisa kwa SSKB.
Ya re go boa kwa go ikhutseng a tla a gotetse Georginoh, a ntsha lebole le le neng la tlogela Scara a itshegeditse ka dikgole tsa mosako wa mabole, a gololetse molala kwa ntle.
Mekwatla ya meeka e phatsima okare ba tshasitswe mafura, e le sethitho, sesupo sa gore ga se tiro e e bonolo.
Fa tikologo ya botlhano e ntse e tsweletse, yo Georginoh a iphitlhela a thudile megala, ya bo e le gone jaaka Scara a bone phatlha a mo nesetsa sefako sa mabole go utlwala.
E re ntswa letsapa le ne le setse le itelekela, e e ne e se ntwa ya boineelo.
Molaodi wa motshameko le ene fela jalo ga bo go se bonono a tlabatlaba mo mosakong wa mabole ekete borotho jole jwa go apeewa mo mafureng.
Tikologo e e garelang ntwa e ya tla e se bonolo, a tsile a gotetse a ntsha ga tshwene Georginoh, a tsenya tlhogo fa Scara a ne a bona go le molemo go siasia.
Banna ba thiba go thibologa, ba beile mo go motshwaranako yo e rileng fa a khutlisa motshameko le molaodi wa motshameko a bo a setse a kgapha sethitho.
Matshwao a baatlhodi a tswa a eme jaana: 55-59, 54-60 le 55-60 mme ka bongwefela jwa tumalano, Georginoh ya nna ene mofenyi.
Mo go tse dingwe, legato le e ne e le la ntlha go bona bomme ba tsere karolo.
Mofenyi wa ntwa e, Katlego Olaotswe o ne a lwa le Joyce Moilwa.
Mo dintweng tse di neng di akaretsa dintwa tsa batshameki ba mafatshe a mangwe, makawana a monogae e bong Lentswe Zwinila o ne a fenya lekawana la kwa South Africa ka go fedisa ntwa mo tikologong ya bobedi morago ga go mo nesetsa mosako wa mabole a a bokete, Kagoetsile Raokgwathile ene a ntsheditse ntle motshameki wa kwa Zambia, Bernard Mwango, mo tikolong ya botlhano.
Mo ntweng e nngwe e e neng e kgatlha leitlho, Tshephang Gomotho o fentse Tshephang Babui fa ba ba magorogo masha mo motshamekong wa sebopego se, lekawana la kwa Molepolole Solomon Lere a fentse Shathiso Makhani wa kwa Mapoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Motshameko wa mabole
Date : 12 Aug 2025