Breaking News

Puso e kopa megopolo mo setshabeng

11 Aug 2025

Morago ga go itemogela fa theko ya diteemane e sa tlhole e na le maitsetsepelo jaaka pele mo mmarakeng, puso e ne ya bona go le maleba go tlhaba mokgosi, gore setshaba se thuse ka megopolo ya go rudisa itsholelo.

Fa a buwa kwa thuto-sekadipuisano le baeteledipele ba maphata a puso, baemedi ba dikompone tse di ikemetseng, dikomiti tsa balemi-barui le dikomiti tsa bagwebi ba kgaolo ya Ghanzi, modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile o ne a gwetlha banni ba kgaolo go tsaya karolo mo leetong la go tsosolosa itsholelo ya lefatshe ka mashetla.

Rre Kebadile o ne a tlhalosa fa seemo sa itsholelo se gomagometswa ke go phutlhama mme a rotloetsa banni go ema puso nokeng go tla ka dikakanyo tse di nonofileng di na le maitsetsepelo ebile gape di itepatepantse le go fetoga ga seemo sa ditlhabololo tsa lefatshe mo go tsa boranyane.

O tlhalositse fa kgaolo ya Ghanzi e humile ditsa tlholego di tshwana le diphologolo tsa naga le dimela tsa tlholego mme se segolo kgaolo e humile dikgomo.

Ka jalo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go thulantsha ditlhogo go tla ka megopolo ya boleng jo bo kwa godimo ebile e na le bokao jo bo nonofileng go ka tlisa pharologanyo mo itsholelong ya kgaolo eo.

 Rre Kebakile o gakolotse bana-le-seabe fa bokamoso jwa kgaolo bo le mo diatleng tsa bone ka seo ba tlamega go kgaphela kwa thoko dipharologanyo tsa sepolotiki le semorafe mme ba itebaganye le go aga motheo o nonofileng wa go tsosolosa ditlhabololo tsa sennela ruri. 

A re go dira jalo, go tla thusa go tlhama diphatlha tsa mebereko ka jaana bana ba gateletswe ke letlhoko la ditiro.

O ne a tlatsa ka gore, gape go tla nna le kgonagalo ya go nonotsha banana le banni ka kakaretso ka dikitso tsa go itlhabolola go leka go fokotsa manokonoko a lehuma.

Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa barua kgomo ba kgaolo ya Ghanzi go emela kago ya matlhabelo a dikgomo mo kgaolong ka dinao, ka ntata ya gore dipatlisiso di setse di supile fa kgaolo ya bone, e di goga kwa pele mo go ntsheng dikgomo ka bokete go di isa matlhabelong a Lobatse.

Erile a fa tshedimoso ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo, mogolwane go tswa kwa ofising ya ditogamaano le ditlhabololo mo Ghanzi, Mme Kesego Siamang, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a thuto seka dipuisano e, e le go sega tema mo thomong ya puso. 

O ne a tlhalosa fa setshaba se na le bokgoni jo bo sa belaetseng jo ka jone ba ka fetolang seemo sa itsholelo ka ponyo ya leitlho.

 O ne a supa fa lenaneo le ka bo lone le gwetllha mongwe le mongwe go tsenya seatla go thusa puso go lomaganya mananeo a itsholelo le go a tokafatsa gore a ntshe maduo a a molemo.

Ka jalo, o ne a gatelela fa dipatlisiso tsa lenaneo le, di tshwaraganetswe ke puso gammogo le baitsanape ba PEMANDU. 

Mme Siamang o ne gape a supa fa maikaelelo a lenanneo leo, e le go akaretsa mongwe le mongwe ka jalo, a ba gwetlha go dirisa tshono eo, go fetisa megopolo e ka thusang mo katlegong ya lenaneo.

O ne a tlatsa ka gore megopolo ya bone e itebaganye le maikaelelo a puso a go tlhama ditiro ka bokete, le gone go inaaakanya le tiriso ya maranyane.

Mme Gophepa Mothusi go tswa kwa khanseleng ya Ghanzi o ne a supa fa kgaolo ya Ghanzi e na le metsi a mantsi a ka fa tlase ga lefatshe, leruo le le ntsi, ditswammung tse ka tsone a supileng fa di baya kgaolo mo tshiamelong ya go ka ntsha nama le ditirelo tse di ntsi ka ditswa kgomong, le tsone ditirelo tse dingwe tse di amanang le ditswammung.

Le fa go le jalo, o ne a supa fa ntswa ba na le tshiamelo ka dilo dingwe, go na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya lefatshe, kgotlhang ya diphologolo le batho, letlhoko la mebaraka, le bogodu jo bo diragalang fa gare ga melelwane le mafatshe a mabapi.

Mme Mothusi o ne a gatelela gore setshaba se ka lebelela bokgoni jwa kgaolo gammogo le dikgwetlho tse di leng teng, go ka ditlhabolola go fetola seemo sa itsholelo ya kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Thuto puisanyo

Date : 11 Aug 2025