Adimanang masimo go lema
11 Aug 2025
Se, se builwe ke molemi wa furu ya leruo kwa kgaolong ya Tswapong borwa, Rre Mogomotsi Mmokwe ka letsatsi la go supa temo, le le neng le rulagantswe ke ba ofisi ya dijwalo ya Machaneng Sub District Crop Production, kwa Pilikwe.
Rre Mmokwe a re o lemogile fa bontsi jwa lefatshe la temo le fetogile dikgwa mo le tlhogileng ditlhare tse ditona jaaka maselesele ntswa go na le ba le bantsi ba ba nang le keletso ya go lema, bothata jwa bone e le go tlhoka masimo.
A re fa beng ba masimo ba ka adima ba ba batlang go lema, go ka dira pharologanyo e tona mo temong.
O supile fa bangwe ba sena kgatlhego ya go lema mme ba kgonne go agelela masimo a bone fa bangwe ba kgonne seo ka lenaneo la cluster fencing ka jalo, ba ka adima balemi go na le dituelo, gore a seka a fetoga dikgwa.
Rre Mmokwe o kaile fa puso e tshwenngwa ke dijo tse di ntsi tse di rekiwang kwa ntle ga Botswana, a re mabele, mmidi, dinawa le dijo tsa leruo tse Batswana ba ka di lemang, di rekiwa ka bokete kwa mafatsheng a se le.
A re furu e tlhokega fela thata, go tlhabolola leruo ka e na le dikotla tse dintsi ka jalo, go e lema go ka fokoletsa puso bokete jwa go e reka kwa ntle, ka Batswana ba na le lefatshe la temo.
Rre Mmokwe a re madi a a dirisiwang go reka furu kwa ntle ga Botswana a tsamaya kwa go P700 million mme a kopa Batswana go reetsa se bogogi jwa lefatshe leno bo se buang, jaaka mothusa Tautona Rre Ndaba Gaolathe a gwetlhile Batswana go tsaya temo thuo jaaka teemane e nngwe.
A re temo thuo e na le bokgoni jwa go direla lefatshe leno madi mme ya dira ditlhabololo fela jaaka teemane e dirile.
Fa a itebaganya le setlhogo sa letsatsi leo se se neng se reng: Tiriso ya Methale ya Segompieno go Oketsa Thobo, a re, se maleba bogolo jang mo dinakong tsa gompieno tse pula e sa tshepegeng ka e sa ne jaaka pele
A re go a patikesega gore balemi le bone barui ba dirise methale ya segompieno e e akaretsang go oketsa boleng jwa temo gore thobo e oketsege, ba sa lebale le go itirela dijo tsa leruo tse di nang le boleng, go le tlhabolola.
Rre Mmokwe a re se, se raya gore balemi ba tshwanetse ba akanye sesha mme ba reetse balemisi kana baitseanape ba temo thuo.
A re dipaka di fetogile ka mo dinakong tse dingwe pula e na gangwe mme e na ka bokete e bo e ela ruri mme balemi ba tshwanetse ba akanye gore ba ka dira jang.
Rre Mmokwe o ne gape a rotloetsa balemi go sa ikaega thata ka dithuso go tswa mo pusong di tshwana le go phaka dipeo a supa fa le bone ba ka kgona go ipeela dipeo tsa thobo ya bone ka dingwe tsa tsone e le tse di ka lemiwang gape ebile di na le boleng.
Motshwarelela mogokaganyi wa ditirelo tsa temo thuo kwa kgaolong ya Mahalapye, Dr Gaone Hanse a re dipaka di fetogile mme ga go sa tlhole go lemega jaaka mo nakong e e fetileng ka jalo balemi ga ba sa tlhole ba kgona go roba sentle.
A re go na le methale e mesha e e leng teng e e ka dirisiwang go leka go oketsa thobo, jaaka go lemolola masimo ka nako ya mariga gore e re fa pula ya ntlha e na, go bo go lemiwa.
A re go lemotshegile gore fa molemi a lemolotse mariga, bolema bo kgona go tshwara bokgola botoka ebile fa go lemiwa ka dipula tsa ntlha, fa pula e diega go tla gape kana e tla ka boutsana, dijwalo di abo di setse di tsamaya kgakala.
Dr Hanse a re go lema dipeo tse di kgonang go itshwarelela fa go sena bokgola jo bontsi le gone go thusa fela thata ka pula e kgona go nyelela jaaka go tle go diragale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Letsatsi la Temo
Date : 11 Aug 2025