Kamuso ka lebele boikarabelo jwa botlhe
10 Aug 2025
Mogolwane wa tsa botsogo go tswa kwa khanseleng ya Borwa, Rre Silvester Pogiso a re kamuso ka lebele ke boikarabelo jwa botlhe.
Rre Pogiso o buile se Molapowabojang ka Labone kwa go neng go tshwerwe segopotso sa beke ya kamuso ka lebele, go simolola Phatwe a rogwa go fitlha a thola malatsi a supa, ka setlhogo se se reng: Tlotlomatsa Kamuso ka Lebele ka go Aga Kemo Nokeng ya se Nnela Ruri.
Rre Pogiso o supile botlhokwa jwa tiro e, a re e fa ba na-le-seabe sebaka sa go tshwaragana le go rotloetsa kamuso ka lebele.
A re maikaelelo ke go ruta ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele ka jalo, go rotloediwe kamuso ka lebele, go tshwaraganwe le bahiri, ka gore ka dinako tse dingwe mmangwana o tle a tlhoke go amusa ka lebele ka lebaka la go kgorelediwa ke tiro.
O kgothaditse borre go ema bomme nokeng fa ba amusa, go supa botlhokwa jwa go amusa.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Conrad Ntsuape a re maikaelelo magolo ke go gakolola ka botlhokwa ka e bile go na le lenaneo la botsogo la PMTCT, le le thibela kanano ya mogare wa HIV, go tswa kwa go mmangwana go ya kwa ngwaneng.
Rre Ntsuape o gateletse botlhokwa jwa gore fa go na le mme yo o amusang ka lebele mo madirelong ape fela, a fiwe nako ya go amusa ngwana.
A re dipalo tsa bana ba ba amusiwang ka lebele di kwa tlase e bile go supahala fa bana ba jesiwa dijo tse di bokete ba santse ba le bannye, selo se se kgonang go ba tsenya mo diphatseng tsa go amiwa ke malwetsinyana le mopalo tota.
Rre Pogiso o boletse gore kamuso ka lebele e fokotsa kgonagalo ya malwetsi a khupelo mo baneng.
Mooki kwa kokelwaneng ya Molapowabojang, Mme Thato Joubert o boletse gore kamuso ka lebele e botlhokwa ga gore e thusa bomme go katologanya tsholo.
Kwa Selebi Phikwe, Gaboselwe Olesitse o supa fa motshwarelela mogolwane wa lekalana la dikokelo kwa Selebi Phikwe, Dr Bigboy Amos a kaile mosola wa go ruta borre ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele.
Dr Amos o buile se kwa pitsong ya borre, e e neng e tshwerwe ka Labone kwa Selebi Phikwe.
A re kamuso ka lebele e botlhokwa ka e tlamela ngwana ka dikotla tse ditlhokegang gore a gole e bile e na le tomagano fa gare ga ngwana le mmaagwe gape ke bontlha bongwe jwa ngwao le tsamaiso ya botsetsi jwa Setswana.
Dr Amos a re go botlhokwa gore bomma bana ba nne le botsogo jwa bo siameng, ba amuse bana lebele, go tlhomamisa gore masea a bone a gola a itekanetse.
A re bomme fa ba emile, mebele ya bo ne e a fetoga, seo se bo se ama maikutlo a bone, sengwe se a supang fa se ka ama botsogo jwa ngwana ka tsela e e sa amogeleseng a ise a tsholwe.
Dr Amos a re phetogo ya mmele e e amang maikutlo e ka tswelela go fitlha nako ya pelegi mme seo se felele se baka pelegi e e sa babalesegang.
Mooki kwa kokelwana ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Orapeleng Sebego o gateletse botlhokwa jwa bophepha fa mme a amusa ka lebele.
A re e re le mashi a lebele a na le metswako ya tlholego, e e dirang gore ngwana a seka a tshabelelwa ke makoa, go botlhokwa go eteletsa bophepha jwa mmaagwe ngwana kwa pele.
Mooki wa kokelwana ya Botshabelo, Rre Godfrey Shingidzanani le ene o supile fa kamuso ka lebele e hema dikgwetlho ka go farologana mo kgolong ya bana, a bo a tlhalosa fa go sena molato ope gore mme yo o amusang o ka tlhakanela dikobo mme a dira jalo ka go itshireletsa.
O tlhalositse fa go amusa ka lebele go thusa thata mo itsholelong ya malwapa le lefatshe ka gore madi a a ka bong a ka dirisiwa go reka mashi a a nowang ke ngwana, a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa mo lwapeng kana a dirisiwa mo ditirong tse dingwe go tlhabolola lefatshe.
Maikaelelo a bokopano e ne e le go tsibosa le go rotloetsa borre go ema nokeng bomme le bana ka nako ya boimana le fa ba amusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Molapowabojang
Event : Segopotso
Date : 10 Aug 2025