Breaking News

Diphologolo di tshwenya balemi

07 Aug 2025

Balemi kwa Molepolole Bokone ba re tshenyo ya diphologolo kwa masimong a bone e dira gore ba nne maoto a tshupa go tswelela ka temo. 

Ba ntshitse matshwenyego a  bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa  ke mopalamente, Rre Arafat Khan kwa kgotleng ya Magokotswane kwa Molepolole. Ba supile gore diphologolo tse di ba apesitseng kobo ka letshoba ke ditholo le ditshwene tse go lebegang di nna mo sekgweng le majwe a gaufi le masimo a bone.

Mogolwane wa Lephata la Diphologolo kwa Kweneng, Rre Moses Phutietsile o gakolotse balemi go dirisa mekgwa e e ka tshosang diphologolo go fokotsa tshenyo mo masimong.  Rre Phutietsile a re balemi ba ka rua dintsa le go tsenya ditshosa tsa selebego sa motho tse ba ka nnang ba di fudusa ba fetola manno a tsone kgapetsa kgapetsa gore diphologolo di se lemoge fa ese ditshedi. Rre Phutietsile a re mo seemong se se sa laolesegeng balemi ba bolaya phologolo e le nngwe go tshosa tse dingwe.

“Dipatlisiso di supa gore fa o bolaya phologolo ele nngwe fa gare ga segopa, go dira gore tse tse di setseng di  tshoge mme di tsee lobaka di sa boele kwa lefelong leo,” ga tlhalosa Rre Phutietsile.

Rre Phutietsile a re le fa go ntse jalo molao  o rebola molemi go thuntsha tlhobolo ka maikaelelo a go tshosa. A re fa molemi a bolaile nngwe ya tsone o tshwanetse a begela ba Lephata la Diphologolo ka tiragalo e, e seng go itseela tshwetso ya go ja phologolo eo.

A re phologolo e e bolailweng ka mokgwa oo, ke ya puso ka jalo fa molemi a ka e ipha, ke molato. Rre Phutietsile a re molemi o tshwanetse a dirisa tlhobolo e kwadisitsweng ka fa molaong go bolaya nngwe ya diphologolo tse di mo senyetsang, mme morago a begele ba Lephata la Diphologolo go tla go tsaya phologolo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Aug 2025