Mogwebi o arogana kitso le bomme
07 Aug 2025
Bomme ba kgaolo ya Shashe kwa Maun ba simolotse dithuto tsa go loga ditlatlana, tse di tla tsayang dibeke tse pedi.
Dithuto tse, di rotloeditswe ke mmantswitswidi e bile e le mogwebi wa ditlatlana, Mme Thitaku Kushonya. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Opelo Kelebogile o tlhalositse mo potsolotsong fa kgaolo ya bone e saletsa morago ka ditlhabololo le letlhoko la ditiro, bogolo jang mo bananeng. A re bontsi jwa banni ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng le gompieno le aparetsweng ke letlhoko la madi ka jaana sekgwama sa puso go bolelwa se le makgwakgwa.
“Ke ka moo re le setlhopa sa bomme ba le lesome le bosupa re neng ra tsiboga fa re utlwa mogopolo wa gore re rutwe ka tsa tiro ya diatla. Re atlile mogopolo oo, ka jaana re bona thuto e le lesedi,” Mme Kelebogile a supa.
Leloko la komiti ya ditlhabololo yo gape e leng moithuti mo setlhopeng sa bomme, Mme Latelang Thuso le ene o iteetse kobo moroko a tlhalosa fa Ipelegeng e ntse e ba belege jaanong ka e tlhabolotswe, e tsile go tlhaola. O lebogile Mme Kushonya go ba fa thuto ya mahala a re e tlaa boloka ba ba tlaabong ba sa atlega mo lenaneong le lesha la Ipelegeng.
Mme Thuso o kaile fa bomme ba dikgaolo tse dingwe ba gatetse pele ka ba bopile mekgatlho le makgotlana a a tlhatlosa dikgwebo le matshelo a bone. O akgotse Mme Kushonya legofi go bo a bone go tshwanela go tla go ba fa botsipa jwa go itirela ka mabogo. A re o eletsa gore morago ga go anywa thuto, bomme ba ikopanye ba simolodise mokgatlho gore ka moso le bone ba kgone go atolosetsa thuto kwa bananeng ba ba hetsang dikole mme ba sa bone ditiro.
Mme Kushonya fa a tswa la gagwe, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a dithuto e le go tsholetsa bomme gore ba itshetse. A re o gwetlhilwe ke letlhoko le le apraretseng bomme ba batlholagadi gammogo le ba ba buileng kwa manyalong mme a ithaopa go ba runtuntsha go itirela ka diatla gore ba nne le letseno le ba ka tlamelang bana ba bone.
Mme Kushonya are o rutile bomme kwa dikgaolong tse dingwe jaaka Shorobe, Matlapana, Sedie le Boseja, a tlatsa ka gore o ikaelela go di atolosetsa le kwa metseng e mengwe jaaaka Nokaneng le Sepopa kwa kgaolong ya Okavango. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Thutuntsho
Date : 07 Aug 2025