Breaking News

Molemi o itshetsa ka go photha mabele

06 Aug 2025

Mme Eniya Egger wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano wa masimo a Malobela Date o itshetsa ka go lema a bo a dirisa mochine o o phothang mabele le lebelebele a bo a o hirisetsa balemi ba bangwe.

O tlhalositse mo potsolotsong ka Labobedi fa mochine o o phothang oo, a sale a o reka dingwaga tse di lesome le botlhano tse di fetileng kwa go ba Rural Industries Innovation Centre (RIIC). A re ka motshine o, o kgona go photha dikgetsi tsa mabele di le masome a matlhano ka letsatsi kana tsa lebelebele di le masome a mararo le botlhano ka letsatsi.  Mme Egger o tlhalositse fa mochine o o kgona go kgaoganya kgotsa go farologanya (grading) lebelebele ka boleng jwa lone o bo o kgapela kwa thoko ditlhaka tse di phatlogileng.

O ne a tswelela a tlhalosa gore o kgona go kopiwa thuso ya go photha ke balemi ba mafelo a a farologanyeng a akaretsa Tutume, Tsamaya, Nkange, Zwenshambe, Mulambakwena Themashanga, Mapoka mme a ye go ba phothela kwa masimong a bone. O ne a supa fa kgetsi ya 50kg a e photha ka P45 fa emere ya dilithara tse masome a mabedi e le P15. 

“Mo dingwageng tse di lesome le botlhano ke ntse ke dirisa mochine o, ga ke ise ke nne le dikgwetlho dipe ka ke o tlhokomela thata. Mme e bile ke ikaelela go atolosa kgwebo e ya go photha ka go reka o mongwe,” ga rialo Mme Egger. 

O ne a tlhalosa fa a thapile badiri ba le babedi mme a rotloetsa banana ga mmogo le bomme go inaakanya le temo- thuo go itlhamela ditiro, a bo a ba kopa go ikopelo dithuso tsa madi go ka reka mochine oo ka o na le dipoelo. Mo go tse dingwe, Mme Egger o ne a supa fa monongwaga thobo ya gagwe e ile kwa tlase ka ntlha ya dipula tse di neng di le matsorotsoro, a tlhalosa fa a robile kgetsi tse di lesome le botlhano tsa mabele le lebelebele. A re mo ngwageng tse di fetileng o ne a kgona go tswa ka dikgetsi di le masome a mane le botlhano tsa mabele le lebelebele. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Nlapkhwane

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2025