Maano le boitseanape di godisa dikgwebo
06 Aug 2025
Kgwebo ke nngwe ya ditselana tse di tsisang letseno gore malapa a itshetse.
Rre Simon Phuthego, mongwe wa bagwebi kwa Francistown, o dumela gore kgwebo e tlhoka maano le boitseanape gore maduo a a nametsang a bonale le go ne gore kgwebo e tswelele pele. Rre Phuthego wa kgwebo e e rekisang ditlhako, a re o ngoka bareki ka ditlhatlhwa tse di fa gare e bile di sa kokonele dikgwatlha tsa bareki.
A re o simolotse kgwebo ya go rekisa ditlhako ka 2017 mme mo nakong eno e tsweletse ntle sentle ntle le mekgwere ape. A re o itemogetse gore ditlhwatlhwa tse di kwa godimo di kgaphela bareki ba le bantsi kwa ntle, mme ka jalo kgwebo e phutlhame. Rre Phuthego a re ditlhwatlhwa tse di kwa mankalenkaleng di ka imela bareki seemo se se ka felelang se phutlhamisa kgwebo. A re kgwebo ya gagwe e rekisa ditlhako ka mefuta, e bile e akaretsa botlhe.
“Ke lemogile gore se se botlhokwa mo kgwebong ke go ngoka bareki ba le bantsi, le go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di bonolo,” ga tlhalosa jalo Rre Phuthego.
A re le fa kgwebo ya gagwe e le potlana, se se botlhokwa ke gore e dira go lekanye go mo tshetsa le ba lapa la gagwe. Sengwe gape se se kgothatsang e bile se dira gore Rre Phuthego a tswelele le kgwebo e ya gagwe ke go nna le tumelo ya gore se a se dirang se na le boleng. A re le fa malatsi mangwe kgwebo e kgona go nna boutsana, seemo seo ga se a tshwanela go kgoba marapo.
“Ga ke kgobege marapo,” a tlhalosa jalo ka mowa o tletseng tshepho mo kgwebong.
O kgothaditse bagwebi go itse gore kgwebo e batla bopelotele le boineeleo. A re ka jaana lefatshe le lebaganwe ke itsholelo e e sa direng sentle, go botlhokwa gore bagwebi le bone ba ikemele ka dinao ba dire gotlhe mo go ka ba thusang go tswelela pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2025