Avian Infuenza e tsisa bohutsana
05 Aug 2025
Morui wa dikoko tse di bolailweng ke bolwetse jwa mhikela wa dinonyane (Avian influenza) kwa Satau a re bolwetse joo, bo tsisitse bohutsana mo kgwebong ya gagwe.
Mme Inonge Mazunga o tlhalositse fa e ne yare ka Seetebosigo a ne a itemogela fa dikoko tsa gagwe di na le dikai tsa mhikela mme a akanya gore gongwe di tsenwe ke serame. A re erile morago ga malatsi, dikoko tsa nama tsa simolola go swa tsa bo di latelwa ke tsa mae mme a tsibosa ba lephata la matlhoko a leruo.
Mme Mazunga a re bontsi jwa nako o ne a bulela dikoko tsa nama go iphataphatela kwa ntle ga jarata, kwa a belaelang di ne tsa kopana le dinonyane tsa naga teng. O supile fa erile badiri ba matlhoko a leruo ba goroga, ba tsaya bosupi (samples) mo dikokong tse di neng di lwala, go ya go di tlhatlhoba mme ba kopa gore tse di swang di tshujwe di bo di katelwa, di seka tsa jewa.
Mme Mazunga o tlhalositse fa erile morago ga malatsi, ba lephata la matlhoko a leruo ba boela kwa go ene ka pego ya gore dikoko tsa gagwe di na le bolwetse jwa mhikela. A re morago ga se, bodiredi ga mmogo le morwae ba ne ba thuba ntlo ya dikoko ba bo ba e tshuba, gotlhe le dikoko di feta masome a mararo, go netefatsa gore bolwetse ga bo aname.
O tlhalositse fa tiragalo e, e ne ya tsisa bohutsana mo go ene ka gore dikoko tse, di ne di mo ntsha bodutu ka go di buisa fa a ile go di fa metsi le dijo. Mme Mazunga o tlhalositse fa e rile ka Phukwi a tlhalosediwa gore o ka aga bonno jwa dikoko jo bosha mme a dira jalo.
A re morago ga seo ba matlhoko a leruo ba ne ba tla go gasa molemo mo bonnong jwa dikoko pele ga di goroga, go bolaya megare e e ka tswang e setse.O tlhalositse fa erile dikoko tse disha di goroga, badiri ba di siela melemo mme ba mo solofetsa fa ba tlaa tswelela ka go mo tlhola gangwe le gape. A re o itumeletse gore morwae o rekile dikoko tse dingwe ka di tlaa mo ntsha bodutu.
Ngaka ya tsa matlhoko a leruo kwa Chobe, Dr Tichaona Aaron o tlhalositse gore go ya ka tsamaiso ya Lekgotla la Botsogo jwa Leruo (World Organisation for Animal Health) dinonyane tsotlhe tse di mo lefelong le bolwetse jwa mhikela bo tshwarwang teng, di tshwanetse go bolawa e be di tshubiwa.
A re se ke go tlhomamisa gore bolwetse ga bo aname ka go bo bo kgona go tsena mo bathong le mo diphologolong di tshwana le dikgomo le dipodi. Dr Aaron o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno, go kganelwa motsamao wa dinonyane go tswa kwa Satau le kgaolo ya Chobe ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Satau
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2025