Setshaba se kopiwa go emisa go tshuba naga
05 Aug 2025
Seshaba se kopilwe go emisa go tshuba naga ka go dira jalo go ka baka dintsho le go diga itsholelo ya lefatshe.
Mogolwane wa Lephata la Dikgwa le Dibapalwa Nageng kwa Chobe, Rre Keletso Seabo o tlhaloseditse mo potsolotsong fa paka ya molelo e simolola kgwedi ya Motsheganong e rogwa go ya Ngwanatsele ka ntlha ya komelelo ya bojang le ditlhare. A re ka nako ya mariga, dimela di emisa go gola, di a omelela ka jalo, go nne motlhofo go ka kapa molelo fa mogote wa loapi o ya godimo.
Rre Seabo o gateletse fa molelo o le borai mo matshelong a batho le dithoto tsa bone, meraka, mafelo a bojanala, diphologolo le dibapalwa nageng. A re go le gantsi diphologolo tsa naga tse di okang bajanala, di siela kwa mafelong a sele kana di tlola melelwane ya lefatshe, di tshaba molelo wa naga, selo se se ka digang itsholelo ya lefatshe.
O tlhalositse fa lephata le dirile maiteko a go sekaseka kgaolo, go bona kwa naga e leng matshosetsi teng, kwa molelo o ka se laolesegeng, gore go fokodiwe bokete jwa bojang ka go bo tshuba mo go laolesegang. Rre Seabo o tlhalositse fa ba setse ba tshubile naga mo go letlelesegang, go fokotsa bojang mo mafelong mangwe ba tshwaragane le ba khamphani ya International Savanna Fire Management Initiatives go tswa Australia.
“Thulaganyo e, e re thusa go tshuba naga gore re fokotse bojang jo bo omileng, gore fa molelo o ka tlhagoga o fitlhele bojang bo se bontsi, go bo go ka fokotsa go anama ga o ne,” Rre Seabo a tlhalosa.
A re ba itshwaragantse le morafe wa kgaolo ya Chobe go tswa Pandamatenga go tsena Parakarungu gammogo le dikhamphani tse di ikemetseng, segolo bogolo tsa bojanala, go ruta le go gasa molaesta ka molelo. A re ba mo thulaganyong ya go dira dikganedi tsa molelo (fire breakers), go itsa molelo go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe.
Rre Seabo a re dikgwetlho tse ba kopanang natso di akaretsa go senyega ga dikoloi ka ntlha ya gore naga e kitlanye ebile go sena ditsela, a tlatsa ka gore mo tsamaong ya nako, Botswana o tlaa atolosa go tima melelo ka go dirisa difofane. Melelo ka bontsi mo Botswana a re e bakwa ke batho fa gongwe ba baakanyetsa temo ka go tshuba matlhaku, molelo o bo o tswa mo taolong. Se sengwe ke go goga motsoko go bo go latlhelwa ditompi mo bojangye, kana bajanala mo di kampeng ba lebetse go tima molelo.
O tlhalositse fa paka e e fetileng ya molelo go tlhagogile e le boferabobedi mo kgaolong ya Chobe mme go shele selekanyo sa di ekere di le 3 784 (hectares) go tshwantshangwa le 18 537 hectares ka 2023. A re palo e, e kwa tlase thata ka ntlha ya leuba le le dikileng le wetse lefatshe le go ruta Batswana ka bodiphatsa jwa melelo ya naga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Kasane
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2025