Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa polao

05 Aug 2025

Borre ba le babedi ba mo diatleng tsa mapodisi a Maun go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa (37).

Moswi o tlholega kwa Gwexwa gaufi le Komana. Mookamela mapodisi a Maun, Superintedent Joseph Lepodise a re babelaelwa ke borre ba dingwaga di masome a mabedi le bongwe (21) le masome a mabedi le bosupa (27) ba go belaesegang ba tlhabile moswi ka sengwe se se bogale bosigo jwa letsatsi la Tshipi kwa Komana.

Supt Lepodise a re ba begetswe tiragalo eo ke mohiti le tsela, mme ba ragogela kwa lefelong la ditiragalo kwa ba fitlhetseng moswi a rapaletse mo tseleng ka dintho tse di masisi mo tlhogong le mo mpeng. O tlhalosa gore motswasetlhabelo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe Memorial kwa Maun, mme ngaka ya rurifatsa fa a tlhokafetse, ka jalo setopo se tlaa dirwa ditlhatlhobo go rurifatsa se se bakileng leso.

Supt Lepodise a re nngwe ya dipego tsa ditlhotlhomiso ke gore mo tshukatshukanong e diragetseng pele ga leso, moswi o ne a tlhaba le go gobatsa mongwe wa babelaelwa, mme morago le ene a gobadiwa. Le fa go ntse jalo, Supt Lepodise o kopile morafe kana ope fela yo o ka tswang a bone tiragalo eo go ba tswa thuso a re seo se ka ba thusa thata mo ditlhotlhomisong. O ikuetse gape mo setshabeng ka kakaretso go rarabolola mathata kana dikgang tsa bone go sena dintwa a tlatsa ka gore molemo wa kgang ke go buiwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaolethoo Kgatitswe

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 05 Aug 2025