Banni ba tlaa akola ditirelo tsa metsi
04 Aug 2025
Tona wa Lephata la Metsi le Bonno, Rre Oneetse Ramogapi o gwetlhile banni ba Maun go akola ditirelo tsa kgopo ya metsi a a leswe ka go gokela mo malapeng a bone.
O kopile se bosheng, morago ga go etela ditiro tse di sa tswang go wediwa tsa kgopo ya metsi a a leswe, matlhatswetso le mabeelo a metsi a a kwa kgaolwaneng ya Matshwane kwa Maun, a supa fa ba lemogile fa banni ba le maoto a tshuba go gokela.
Tiro eo, e weditswe ngogola ka Ngwanatsele mme koporase ya metsi e ntse e tsweletse ka go rotloetsa banni go gokela mme go supegetse fa malwapa a le 900 fela mo kgaolong ya Boseja a goketse.
Rre Ramogapi o kaile fa lephata le dirile maiteko a go kgothatsa banni go gokela mahala ngogola mme ka dipalo tsa ba ba tsibogileng di ne di sa nametse, ba ne ba atolosa lenaneo la go gokela mahala mme ga go nko e e tswang lemina.
O gwetlhile banni go ititaya ka thupana, a supa fa lenaneo la go gokela mahala le tla bokhutlong mo bogaufing mme ka jalo batla bo ba tshwanelwa ke go duela P1 500 go akola tirelo ya kgopo ya metsi a a leswe.
A re mo bogautswaneng, lephata le tla ntsha mokwalo go itsise banni fa lenaneo la go ba utlwela botlhoko le tla bokhutlong.
Tona oboletse fa ditirelo tseo di le pedi mo Maun a supa fa e nngwe e le kwa kgaolong ya Moeti mme maikaelelo magolo a tsone e le go itsa go kgotlela noka ya Thamalakane.
Le fa go ntse jalo, Rre Ramogapi o tlhalositse fa mo Botswana ba ise batle mo seemong sa gore leswe la metsi a a tlhatswitsweng le ka dirwa jang mme a supa fa bangwe ba babeeletsi ba supile katlhego go a dirisa mo ditirong di tshwana le go fetlha motlakase fa bangwe ba re ba ka dira menontshane.
O tsweletse a re go botlhokwa gape gore metsi a a tlhatswitsweng a seka a latlhiwa mme a bewe sentle gore a tle a dirisiwe go lema dijalo tse di tsosolosang itsholelo ya banni ba Maun.
Mogolwane mo koporaseng ya metsi, Rre Thatano Molokwe o ne a gatelela gore morago ga go wediwa ga tiro, maiteko a ne a dirwa go kgothatsa banni go gokela mme ba ne ba le bonya a tlatsa ka gore monongwaga, bontsi ke gone bo simololang go tsibogela go gokela.
A re mabeelo a metsi a a leswe a matona thata kajalo go tlhokega gore banni ba gokele ka dipalopalo gore a bereke sentle a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba tlatsa ditanka tsotlhe gore machine ya bone e simolole go tlhatswa metsi ao.
“Ga re ise re simolole go tlhatswa metsi ka jaana re santse re a kokotletsa gore a nne mantsi re bo re ka simololo. Mme hela ditiro di hedile jaana le rakonteraka a dule mo lefelong,” Rre Molokwe a tlatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Loeto
Date : 04 Aug 2025