Motsamai o abela baithuti
04 Aug 2025
Baithuti ba dikole tse di potlana kwa kgaolong ya Charleshill ba abetswe dikobo di ka tshwara makgolo a marataro.
Fa a bua ka letsatsi la kabo dimpho kwa sekoleng se se botlana sa Kalkfontein bosheng,
Mopalamente wa kgaolo ya Charleshill, e bile e le mothusa tona wa lephata la metsi le Bonno, Rre Motsamai Motsamai, o tlhalositse fa go tlaa abelwa baithuiti mo dikoleng tse di botlana di le supa mo kgaolong.
A re go tlaa abelwa baithuti ba ba tshelang ka bogole le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Rre Motsamai o gateletse fa moono wa dimpho e le go ba rotloetsa le go ba fa seriti mo matshelong a bone, ka ntlha ya gore ba tshelela mo diemong tse di boima tsa selegae.
O akgotse barutabana go tshwara ka thata le fa le bone ba tshelela mo diemomg tse di thata jaaka matlo a borutelo a a sa itekanelang, letlhoko la ditsompelo, go berekela mo mafelong lebaka le letelele ba sa fudisiwe le go diega go tlhatlosiwa maemo.
A re le fa barutabana ba tshwere ka oo mabedi, puso e lemoga maiteko a bone a go ntsha maduo a a itumedisang, sebe sa phiri ke kgwetlho ya letlhoko la madi go araba dilelo tsa bone.
O supile fa diemo tsa bone di tlaa arabiwa ka bongwe ka bongwe mme a ba rotloetsa go tswelala ka bopelotelele jo ba bo supileng.
Rre Motsamai o gwetlha batsadi le bagwebi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, go thusa goromente fa a retelelwang teng ka dithuso di ka ba kgontsha go ntsha maduo a a itumedisang.
Mogokgo wa sekole sa Kalkfontein, Rre Shame Brown o lebogile dimpho, a supa fa di tlaa itumedisa baithuti le batsadi.
O kaile fa palo ya baithuti e le kwa tlase, 350, selo se se bakwang ke go fuduga ga baithuti go ya kwa dikgaolong tse dingwe. Mokhanselara wa Tsootsha, Rre Patrick Gaebuse, ene o lebogile dimpho, a supa fa ba itemogela kgokgontsho ya bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, go tswa kwa batlhokomeding ba bone.
O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o, a supa fa o ama bana mo maikutlong mme go ba retelele go dira sentle mo dithutong.
Rre Gaebuse a re dimpho tse, di thusitse lephata la boipelego ka le di kgonne go thiba phatlha ya letlhoko mo baithuting a bo a gwetlha batsadi ka bongwe ka bongwe gore le bone ba dire maiteko a go lemoga ba ba tlhokileng lesego mme ba thusane.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta bana ba sa le ba botlana maitsholo a a eletsegang mo setshabeng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Gaebuse o kopile mopalamente go ba tswa lentswe ka dikgang tse di itebagantseng le dikatso tse di kwa tlase tsa dikomiti tsa baithaopi.
A re dikatso tse di botoka di ka nonotsha maloko go dira ka natla go fitlhelela dikeletso tsa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Tsootsha
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Aug 2025