Breaking News

Go tlhokafala ga ga Chimbombi ke tatlhegelo

04 Aug 2025

Banni ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa le Batswana ka kakaretso, ba kgothaditswe go baya tsotlhe mo go Ramasedi, ba tshephe gore o tlaa thiba phatlha ya mopalamente wa bone, Dr Micus Chimbombi, yo ba neng ba solofetse go le gontsi mo go ene go tlhomamisa gore kgaolo e tlaa tlhabologa. 

Mafoko a, a builwe ke Kgosi David Toto II wa Tsabong kwa tirelong ya segopotso sa ga Dr Chimbombi, yo o tlhokafalang a le tona wa Lephata la Lefatshe le Temo-Thuo, Dr Micus, kwa Tsabong ka Labotlhano.

Kgosi Toto o supile fa Dr Chimbombi a ne a itshupile e le motho yo o tlhaga, botlhale ebile a na le boikarabelo jo bo kwa godimo go tlhomamisa gore ditlhabololo le matshwenyego a kgaolo o a di tsibogela ka fa go tshwanentseng ka teng.

Dibui ka go farologana di mo kaile e le motho yo o bonolo, boikobo, bopelotelele, lorato ebile a sa ikgogomose ka maemo le dithutego tsa gagwe ka a ne a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Mongwe wa mabutswa pele a phathi ya Botswana National Front (BNF), Rre Mock Ntau o tlhalositse ka boikarabelo le bokgoni jwa ga Dr Chimbombi jo a bo supileng mo lephateng la temo-thuo. 

Rre Ntau o boletse fa go ne go se motlhofo ka a ne a melediwa mathe ke phathi ya BDP, mme yare marago ga go ipala mabala a kgaka mo go ene, a dumalana ka bongwe fela jwa pelo, a inaakanya le sepolotiki sa phathi ya BNF morago ga go tlogela kwa lekgotelng la kabo ditsha. O boletse fa Dr Chimbombi a ne a tlhongwa go nna mothusa tautona wa BNF, mme yare ka 2019 a emela ditlhopho tsa bopalamente tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, a seka a atlega mme e le ba UDC, ba itoma molomo wa tlase ba dira ka gotlhe go tlhomamisa gore ditlhopho tsa 2024, Dr Chimbombi o feta ka tse di tsididi. 

Rre Ntau o boletse fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go Dr Chimbombi mme Modimo o dirile go rata ga gagwe.

Motshwarelela moeteledipele wa lephata la temo-thuo kwa Kgalagadi, Mme Reginah Pebe ene o tlhalositse fa Dr Chimbombi a berekile mo lephateng go simologa ka 1986 go fitlha 2015, mme a tlhatlosiwa maemo go nna mokwaledi kwa lephateng, tiro e a e dirileng ka botlhaga le boikarabelo jo bo kwa godimo go fitlha a tlogela tiro. Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Elias Motlhanke o ne a supa fa boeteledipele jwa kgaolo bo ne bo santse ba solofetse go ithuta go le go ntsi mo go Dr Chimbombi, ka a ne a itse maitlamo a UDC thata, le go a fetisetsa kwa go ba bangwe.

Kgaitsadia Dr Chimbombi, Mme Sorophinah Hambira a re go tlhokafala ga ga Dr Chimbombi ke tatlhegelo e tona mo lelwapeng loora Chimbombi, masika le ditsala ka jaana e ne e le motho yo o tshwaraganyang le go bopaganya masika ka lorato ebile a eteleditse pele kagiso ka nako tsotlhe. Rre Kebiditswe Kgaodi mo boemong jwa barui o mo kaile fa e ne e le morui wa popota, yo ba neng ba sa ntse ba tlaa ithuta go le gontsi mo go ene. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Tirelo ya segopotso

Date : 04 Aug 2025