Mokgatlho o bifela kgokgontsho
04 Aug 2025
E rile ka Matlhatso, maloko a mokgatlho wa banyalani wa Holy Matrimony Society a ralala motse mogolo wa ga Mmangwato ka dinao mo gare ga serame sa Phatwe a rogwa, se se gakadiwang le ke go hehenka ga diphefo. Mogwanto o, o ne o rulaganyeditswe go tsibosa banni ba Serowe le setshaba ka kakaretso ka botlhoko jo bo kekelang mo Botswana, e leng mowa wa go tlhorontsha batho ka ntlha ya bong jwa bone.
E re le fa letsatsi totatota le ne le rulaganyeditswe phuthego ya ngwaga le ngwaga, maloko a, a e leng banyalani ba ba nyadisitsweng Sekeresete kgotsa ka go ikaega ka thuto ya Baebele, ba ne ba bona go le matshwanedi gore ba ame batho ba Serowe kwa ba neng ba phuthegetse teng ka melaetsa e e kgalemang kgokgontsho ya bong.
Go ya ka mosimolodisi le moeteledipele wa HMS, Dr Charity Opelo, mokgatlho o diretswe go tiisa malapa ka e le one modi wa popo ya morafe le sone setshaba tota.
A re ka jalo, fa kgokgontsho e apesitse setshaba kobo ka letshoba jaana, go tshwanetswe ga batlisisiwa kwa e thaegang teng, e leng kwa malapeng, ka jalo kalafi ya thaiwa gone koo.
Thito-kgang ya phuthego ya mono ngwaga, e leng; Strengthening Families, Safe Guarding Children (Go Nonotsha Malapa, Go Tlamela Bana), e tlhalosa gore fa malapa a agegile, a nonotshitswe ke balwela kagiso ba tshwana le HMS, bana ba e leng maungo a lenyalo ba tlaa bo ba tlamelesegile ka ba tlaa bo ba godisediwa mo diemong tse di ritibetseng tse di ba kgontshang go gola ba tiile mo ditlhaloganyong le mo meweng.
Fa a ema phuthego ka lefoko, Rre Opelo Baleseng, yo o simolodisitseng mokgatlho le mohumagadi wa gagwe, Dr Opelo, o ne a papamatsa fa borre e le bone ba tshabelelwang ke go kgokgontsha bomme, ka jalo ba ba setseng ba le mo mokgatlhong ba ithulaganye gore le bone ba tsenye letsogo mo go bonalang go lwantsha bolwetsi jo.
Go tsaya kgato e e nitameng o ne a buisana le borre gore ba iphaphe, ba thulanye ditlhogo gore ba atumalane, e tle e re fa mongwe a ka imelwa ke maikutlo ka se se ka tswang se mo diragalela kwa lapeng ba bo ba le gaufi go mo tla matshediso.
Rre Baleseng a re go motlhofo go gomotsana, go kgothatsana le go kgalemelana fa borre ba le mmogo ba ithuna dinta mo lekgotleng la bone.
Ke sone se o neng a gatelela gore ba phuthane ka maranyane fela jaaka bomme ba bone ba dirile gore e tle e re go tloga foo jaanong ba nne le botsalano jwa motia jo bo tlaa solegelang malapa a bone molemo le setshaba tota ka ditiro e seng ka go bua fela.
A re o tshwenngwa segolobogolo ke ka fa basetsana le bomme ba bolawang bosigo le motshegare ka teng, mme lentswe la borre ba ba ‘kolobileng’ le sa utlwale mo go kgalemeng masula a.
A re fa maloko a ka tlhaloganya ka botlalo gore mokgatlho wa HMS o ikemiseditse eng, ke gone setshaba se ka bolokesegang ka batho ba tlaa tsena ba ikemiseditse go fedisa matlhoko a a apesitseng setshaba kobo ka letshoba.
Mokgatlho wa Holy Matrimony Society o tlhamilwe ka 2018 morago ga lenyalo la basimolodisi ba one ka ba ne ba lemoga fa banyalani ba tshwaraganngwa ba bo ba fiwa setlankana, mme go sena ope yo ba tsamaisang tshipidi go ba fa maele a go aga le go tsweledisa botshelo ba le mmogo jaaka lelapa. Fa e sale jalo, mokgatlho o emetse ditshwanelo le ditlhokego tsa malapa ka dinao ka dithuto le dithuso tse di akaretsang go direla setshaba ka go abela ditlhopha di tshwana le dikole, dikgolegelo le dikokelo, go sidila ba ba imetsweng maikutlo le go kgalema fa go lebega bangwe ba latlhegelwa ke tsela. Tse tsotlhe di dirwa ka makalana a a robang bobedi a a ikadileng le lefatshe la Botswana mme tshoso e rweleng e le khuduthamaga e e eteletsweng pele ke Dr Opelo yo e leng monyadisi le mogakolodi mo go tsa manyalo le kago ya malapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlalepula Mokgadi
Location : Serowe
Event : Mogwanto
Date : 04 Aug 2025