Breaking News

Ba Kopiwa Go Thusa Ba Ba Tlhokileng Lesego

30 Jul 2025

Bakeresete ba kopilwe go tsenya letsogo mo ditirong tsa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Rre Emmanuel Boiteto, yo o neng a eteletse mogwanto wa kereke ya UCCSA kwa Serowe bosheng, a re ba tshwanetse go leka ka bojotlhe go kgobokanya le go thusa bangwe ka bone kwa motseng wa Thabala ba ba senang boroko.

Rre Boiteto o ne gape a ba gakolola gore ba kope botlhale jwa go direla ba bangwe mo Modimong, le go nna le mowa wa bopelotlhomogi.

Rre Boiteto, yo o neng a direlwa dipampiri tsa go kopa madi mo setshabeng, o ne a kgona go kgobokanya P3 990, mme a a tlatsa gore madi otlhe e nne P8 000.

A re ntswa madi a o a sa lekana, a ka dira pharologanyo mo botshelong jwa yo o tlhokileng lesego. 

E rile a ntsha mafoko a malebo, Mme Gasewasepe Nthobatsang, o ne a leboga Rre Boiteto go sa ipona tsapa fa ba mo laletsa a kopa gore le ka moso o mongwe fa ba kopa dithuso a seka a ba gana.

O ile a rotloetsa phuthego go re ba seka ba inyatsa ka ba ne ba tsile ka 

dipalo tse di potlana, a supa gore kwa Modimong ba bantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Mogwanto wa kereke

Date : 30 Jul 2025