Breaking News

Mapodisi a akgola maitsholo

30 Jul 2025

Mapodisi a Ghanzi a akgola setshaba ka maitsholo a a eletsegang, a ba a supileng ka nako ya ditshupo tsa temo thuo, tsa monongwaga tse di neng di tshwerwe mo Ghanzi bosheng.

Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a District No.6 Senior Superintendent Thari Senwelo, o tlhalositse fa ba itemogetse kwelo tlase ya melato e tshwana le ya bogodu jwa mesokelatsebeng, go itseela dikobo ka dikgoka, dikiteo le dipolaano ga mmogo le go thubiwa ga dikoloi.

A re ngogola ka nako ya ditshupo, ba ne ba gatisa melato ya bogodu jwa mesokelatsebeng e ka tshwara masome a mararo, fa ya go thubiwa ga dikoloi ba ne ba gatisa melato e le mene.

Rre Senwelo a re monongwaga, ga ba a gatisa melato epe ya bogodu jwa mesokelatsebeng.

Le fa go le jalo, a re ka go seke go tlhokafala dilabe, ba ne ba gatisa molato o le mongwe wa go thubiwa ga koloi mme kwa lefelong la itloso bodutu.

O ne a supa gape fa ba ne ba gatisa melato e le mebedi ya go dirisiwa botlhaswa ga bana ba ba kwa tlase ka dingwaga morago ga gore batsadi ba itemogele fa basetsana bao, ba tllhokile tsebe ka go ngwega mo malwapeng mme ba felela ba tshelegetswe ke madi a kgofa. 

O ne a tlatsa ka gore monongwaga gape ga ba a gatisa melato epe fela e e amanang le dikotsi tsa tsela kana dikiteo dipe fela.

Rre Senwelo o ne a tlhalosa fa ba ne ba dira maiteko a go rutuntsha setshaba ka botlhokwa jwa itshireletso malatsi pele ga ditshupo le gone go oketsa go iponagatsa ga mapodisi mo mekgwatheng ka nako ya ditshupo di ntse di tsweletse.

Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha setshaba go tswelela ba tshegeditse serodumo sa go iphapha mo melatong mme a ba rotloetsa le gone go nonotsha tirisano mmogo le ba makalana a itshireletso ka dinako tsotlhe.

O ne a kgala a sa kgwe mathe mokgwa o o kukelang ka monokela wa go lwantsha le go gobatsa mapodisi ka nako ya tiro.

Rre Senwelo o kopile setshaba go ema kgatlhanong le mokgwa oo, mme a rotloetsa neelano fa gare ga setshaba le makalana a itshireletso.

O gakolotse setshaba gore itshireletso e e reketlhang mo lefatsheng, e ka tsala ditlamorago tse di sa itumediseng jaaka go koafatsa serodumo sa itshireletso ya lefatshe le gone go koba bagwebi le babeeletsi mo lefatsheng mme seo, se paledise maiteko a puso a go atolosa itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2025