Thuto Ya Tiro Ya Diatla Konokono
29 Jul 2025
Tona wa lephata la Thuto e Kgolwane, Rre Prince Maele a re lephata le ba na-le-seabe ba dira ka gotlhe go tlhabolola dithuto tsa ithutelo tiro ya diatla kwa dikoleng tse dikgolwane.
Tona Maele o buile se ka Mosupologo fa a ne a etetse Selebi Phikwe Technical College, a re go tlhabolola dithuto tsa ithutelo tiro ya diatla go ka fokotsa manokonoko a tlhaelo ya ditiro e bontsi jwa banana ba iphitlhelang ba le mo go yone, gape go ka thusa go rotloetsa mowa wa go itlhamela ditiro tse di ka thusang go tswakanya itsholelo.
Rre Maele a re go botlhokwa go fa dithuto tsa tiro ya diatla serodumo se se maleba, go rotloetsa baithuti go tsaya dithuto tseo ka tlhwoafalo ka di na le bokgoni jwa go fetola matshelo, le go tswela lefatshe mosola.
A re go tlhabolola dithuto tse, go tlaa fetola ka fa bontsi bo di tsayang ka teng, a kgala dikakanyo tsa bangwe gore dithuto tsa ithutelo tiro ya diatla ke tsa baithuti ba ba paletsweng kwa dikoleng.
Rre Maele a re go botlhokwa go tsamaya a lekola dikole tsa ithutelo tiro ya diatla ka go farologana, go nna le sebaka sa go utlwa le go tsibogela dilelo le mathata a badiri.
A re boeteledipele jwa lephata la Thuto e Kgolwane bo tlaa tswelela bo dira ka gotlhe go tla ka methale ya sennela ruri ya go rarabolola dilelo le matshwenyego a badiri.
Rre Maele o rotloeditse botlhokwa jwa go nonotsha talente e baithuti ba e supang, a re gantsi ditalente tse baithuti ba di supang, di sa amane gope le dibuka, dingwe tsa tsone di tlhaediwa matlho e bile di a kgalwa.
Rre Maele a re ga a jesiwe diwelang ke diphatlha tsa mebereko tse di sa thibiweng mme go nna go thapiwa badiri ba nakwana mo go tsone. Go dira jalo a re go dia go ntsha maduo a a kgatlhisang mme ebile go kgoba le bone ba ba thapilweng marapo.
Mogokgo wa Selebi Phikwe Technical College, Rre Victor Manyanda o supile fa tlhaelo ya badiri bogolo jang barutabana e sa ba jese diwelang.
A re seemo seo se patika sekole go nna ba thapa badiri ba nakwana, a ba a supa fa dikago dingwe mo sekoleng di tlhoka go ntshafadiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Loeto la sekolo sa diatla
Date : 29 Jul 2025