Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa dintsho tse pedi
29 Jul 2025
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa dintsho tse pedi tse di diragetseng kwa masimong a Masama gaufi le Serowe le kwa Malatswae bosheng.
Mo potsolosong le mogolwane wa mapodisi a Serowe Superintendent, Poloko Oteng o boletse fa monnamogolo wa dingwaga tse di masome a ferabobedi le bobedi (82), wa motse wa Malatswae wa kgotla ya Maboloongwe a bolaile mosetsana wa dingwaga tse masome mabedi le boraro (23) ka go mo tlhaba ka segai.
A re monnamogolo o ne a rumile mosetsanyana le mokapelo wa gagwe go mo rekela seshabo mme ba seka ba diragatsa thomo. E rile go boeng ga bone ba roga monnamogolo ebile ba mo ngata ka matlapa.
Rre Oteng o boletse fa rre yoo a ne a shakgala thata a tsaya segai mme a tlhaba mosetsana yoo ka segai go fitlhela a tlhokafala mo go rurufaditsweng ke ba bongaka ba kokelo ya Sekgoma.
Rre yoo o santse a le kwa kokelong le ene ka dintho,mme e tlare a tswa ba mapodisi ba tlaa mo tlhotlhomisa ba bo ba mo lebisa molato wa gagwe.
Mo lesong le lengwe le le diragatseng kwa masimong a Masama ba tshegeditse lekawana la dingwaga tsedi masome mabedi le le bosupa (27) yoo bolaileng mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe(29) ka go mo hatsa ka eke mo tlhogong le mo molaleng morago ga go tlhoka kutlwisisano.
A re rre yoo o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Serowe fa ditlhotlhomiso di ntse di tsweletse.
Superintendent Oteng o boletse fa ba tlhorontshiwa ke dipolaano tsa malatsi ano, ka jalo o ile a rotloetsa batho go kopa dikgakololo kwa go ba ba maleba pele ba tsaya ditshwetso tse di ba gogelang mo thaelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 29 Jul 2025