Sheroo E Gatetse Pele Mo Mmarakeng Wa Kofi
29 Jul 2025
E re ka motlapele a rile, ‘E ya re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting, Mme Dianah Botha o nnile sekao ka go gweba ka kofi ya motlopi, thuto e a tlhalositseng a e amule mo go nkukuagwe.
Mo puisanyong bosheng le Mme Botha yo o tlholegang kwa Kolonkwaneng kwa kgaolong ya Tsabong, o tllhalositse fa thuto eo, a sale a e rutilwe a sale mmotlana.
A re bogologolo go ne go tshelwa ka dibapalwa nageng le dimela tsa tlholego go dira ditlhatleo, ditlolo le melemo.
Ka jalo, a re go goleng ga gagwe o ne a lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, le neng le aparetse motse wa bone le mororo puso e ntshitse mananeo go lwantsha lehuma kwa dikgaolong.
A re o ne a seka a neela tshwene marapo mme a bona go le maleba gore a dirise kitso e a e rutilweng ke nkukuagwe ya tlholego, go itirela letseno la madi go ka tshetsa lelapa la gagwe.
Mme Botha yo o gwebang ka leina la Sheroo a re o simolotse go gweba ka kofi ya motlopi ka ngwaga wa 2008, kgwebo e a supang e santse e itshetletse.
A re go bapatsa kgwebo ya gagwe, o tsena ditshupo tsa temo thuo go ralala lefatshe leno, le ditshupo tsa dikgwebo ka go farologana e le tsela nngwe ya go ruta setshaba segolo a itebagantse le bomme ka mosola wa dikitso tsa tllholego go ka itshetsa.
A re o simolotse kgwebo eo, ka madi a gagwe, a direla mo lapeng. A re e rile morago ene le bagwebi bangwe ba ba botlana ba kopana go tlhatlhelelwa botsipa jwa go tlhabololola dikitso tsa go tsamaisa kgwebo.
Mme Botha a re kgwebo ya gagwe, e itebagantse le kofi ya motlopi le motswako o o dirilweng ka sengaparile le motlopi o o gwebang ka leina la ‘makgonatsotlhe.’
O tlhalosa fa metswako eo, e le ya tlholego mme e bile e setse e tlhatlhobilwe ke ba National Food Technology Research Centre (NFTRC) gore ga e na botlhole bope.
A re metswako eo, e na le bokgoni jwa go ritibatsa ditlhabi tsa mmele di tshwana le letsapa, madi a matona le ditlhabi tsa bomme fa ba le mo setswalong.
Le fa go le jalo, Mme Botha o ne a supa fa a na le kgwetlho ya go tlhoka lefelo la go lema dimela tseo, ga mmogo le tlhaelo ya didirisiwa tse di tlhabologileng go mo thusa go fefosa go di epa, ka jaana a re gompieno o santse a dirisa maatla a mantsi go epa medi le digwere tseo.
A re go bapala ga medi eo phetelela e bile go sa laolesege, go na le kgonagalo ya gore dimela tseo, di babalelwe ke diemo tsa loapi, mme di felele di nyeletse.
Ka jalo, a re go botlhokwa go nna le lefelo la temo ka jaana, go tlaa mo gwetlha go di somarela gore a kgone go itepatepanya le mmaraka.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a gwetlha bomme go dirisa ditalente tsa bone tsa tlholego, go itshetsa ka jaana e le bone ba babalelwang thata ke manokonoko a lehuma.
O ne a ba rotloetsa go tlhama mekgatlho ya dikgwebo e e tlaa ba thusang go rekisa dithoto le ditirelo tsa bone ka bokete go bona letseno le le rileng.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa bagwebi go inaakanya le maranyane go bapatsa le go atolosa dikgwebo tsa bone mo lefatsheng leno, ga mmogo le kwa mebarakeng e e kwa ntle ga lefatshe leno.
Mme Botha o ne gape a rotloetsa bagwebi ba ba botlana go nna pelotelele ga mmogo le go tlhama mekgatlho ya bagwebi e a tlhalositseng e ka kgona go buelela dikgwebo tsa bagwebi ba ba botlana ka lentswe le le lengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Puisano
Date : 29 Jul 2025