Modipane o tsosolosa boipelego
28 Jul 2025
Mowa wa boipelego o thusa go tsosolosa itsholelo le go tsisa seriti mo bathong.
Se se builwe ke Tona wa Lephata la Tlhokomelo ya Bana le Thuto, Mme Nono Kgafela-Mokoka a simolodisa semmuso lenaneo la tebelopele kwa Modipane (Project Vision 2026) ka Matlhatso.
Mme Kgafela-Mokoka a re maikaelelo a lenaneo la tebelopele la Modipane le le logilweng ka ngwaga wa 2023 ke gore ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2026, fa lefatshe la Botswana le ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a marataro, morafe wa Modipane o bo o tsere karolo e bonalang mo tlhabololgong ya motho le tikologo ya gagwe.
Tona Kgafela-Mokoka a re mowa o, a o tswa Goo-Lowe kwa Kgatleng mme a rotloetsa morafe go tswelela o tshwere ka thata segolo jang mo nakong e itsholelo ya lefatshe e kokonelang puso go ka dira ditlhabololo.
A re Modipane, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosi Fanuel Mokalake, ke mongwe wa metse e Batswana ba ka ikgantshang ka one fa go buiwa ka boipelego.
Tona a re mo dingwageng tse di fetileng morafe wa Modipane o ne wa kopana ka mowa wa go ipelega mme ba ikagela leobo la kgotla le le lopileng P500 000.
A re toro e, e ne ya ribolola maikaelelo a le mararo a a akaretseng tlhabololo le kgodiso ya ngwana wa mosimane le mosetsana.
O ne a tswelela ka gore mo metlheng eno bontsi jwa bana bo latlhegetswe ke tshepo mo botshelong ka ntlha ya letlhoko la ditiro le le amang botlhe; ba ba dirileng bontle kwa sekoleng le ba ba sa atlegang.
“Ka ntlha ya go tlhoka ditiro le methale mengwe ya go itshetsa bangwe ba felela ba ineetla go nwa bojalwa, tiriso ya diritibatsi le marato a a tletseng kgokgontsho,” ga tlhalosa Tona Kgafela-Mokoka.
Mo maitlamong a bobedi, Mme Kgafela-Mokoka a re morafe o ikaelela go agela batlhoki matlo a le mabedi.
A re maitlamo a boraro a toro ya motse wa Modipane ke go fokotsa borukutlhi, go hema dikotsi tsa tsela, go ngoka babeeletsi ga mmogo le go fa motse tebego e ntshafetseng.
O gateletse gore, ‘kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.’
Kgosi wa motse wa Modipane, Rre Mokalake a re maikaelelo ke gore fa go ketekwa Boipuso jwa ngwaga o tlang kwa Modipane go bo go rolwa semmuso tse ba di kgonneng, a tlatsa ka gore ba tla tswelela ba dira toro tse dingwe go ya pele.
Fa a tswa la gagwe mothusa Kgosikgolo wa Bakgatla, Kgosi Sekai Linchwe o ne a galaletsa Kgosi Mokalake, a mo kaya fa elea mongwe wa bagogi ba go leng thata gore ba bonwe mo metlheng eno.
A re se se dirilweng ke Kgosi Mokalake le morafe wa gagwe o eletsa se ka tsewa malebela ke bagogi ba bangwe mo kgaolong ya Kgatleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Modipane
Event : Tshimolodiso semmuso ya lenaneo
Date : 28 Jul 2025