Breaking News

Somarelang matlotlo a tlholego

28 Jul 2025

Kereke ya UCCSA Mahalapye e kgothaditswe go somarela matlotlo a yone a tlholego .

Ba ne ba kgothadiwa jalo ke Tona wa Ditlhaeletsano le Botlhami, Rre David Tshere kwa mogwantong wa ngwaga Ie ngwaga wa kereke eo kwa Mahalapye ka Matlhatso.

Rre Tshere o ba kopile gore ba nne motlotlo ba bo ba ipelafatse ka matlotlo a kereke eo a tlholego ka a dirile gole gontsi mo matshelong a setshaba sa lefatshe la Botswana.

A re Kereke ya UCCSA e nnile le seabe se segolo mo thutong ka ba agile dikole tse di kgolwane jaaka, Moeding College le Maun Senior Secondary school.

Rre Tshere a re go botlhokwa gore ba tsosolose matlotlo a kereke ya UCCSA gore e seka ya nna matlota .

A re matlotlo a ke segakolodi sa ditiro le matsapa aa tserweng ke batho ba pele ba aga kgololesego e  e renang gompieno.

Rre Tshere a re matlotlo a kereke ya UCCSA ke bokao jwa ngwao le ditso gape a supa boleng jwa kereke eo mo setshabeng gotswa bogologolong. O akgoletse kereke ya UCCSA go bo e adile motheo oo nonofileng wa thuto ka dikole tsa yone.

Tona Tshere o gwetlhile kereke ya UCCSA go tswelela e aga setshaba ka go ba fa bogakolodi le go ba ruta lefoko la modimo.

O kopile kereke ya UCCSA Mahalapye gore ba rapelele Mahalapye ka  o aparetswe ke masula ka go farologana, a ba a  kopa gore e thuse go bopa setshaba gore ene sese melediwang mathe.

Rre Tshere o ba lebogetse tiro e ntle e ba e dirang ya go kgobokanya madi ka mogwanto go thusa dikole,  kereke le setshaba.

Fa a tlhalosa ka maikaelelo a mogwanto oo, Moruti wa kereke ya UCCSA Mahalapye Reverend Mokgweetsi Kgapo a re ba dira se ngwaga le ngwaga go ipelela seabe sa kereke mo setshabeng.

Reverend Kgapo a re moono wa mogwanto o ke go kgobokanya madi a a thusang ka tsamaiso ya kereke, dikole, matlotlo le go thusa setshaba.

Kgosi wa Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe o akgoletse kereke ya UCCSA a re e dira tiro e tona ya go kgobokanya madi go thusa mo thutong le  mo setshabeng.

Kgosi Tshipe a re Kereke ya UCCSA ena le motlhala ka e tswa kgakala e rotloetsa thuto.

A re go a itumedisa go bona kereke e thusa puso le setshaba a supa fa malatsiano bontsi jwa dikereke ele tse di tsa yang madi mo bathong fela.

Kgosi Tshipe a re mogwanto o, ga kokoanye madi fela o rotloetsa itshidilo mmele e bile  o tshwaraganya kereke le bogogi jwa motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Mogwanto wa kereke

Date : 28 Jul 2025