Breaking News

Rabojang o tshephisa go dira ka natla

27 Jul 2025

Kgosi Mmolobota Rabojang o tshephisitse banni ba Chadibe go dira tiro ya gagwe ka natla, tlhompho, lorato le boikokobetso.

O buile se fa a ne a tlhongwa semmuso mo bogosing jwa motse ke mothusa kgosi wa Bangwato, Kgosi Seretse Peter Khama ka Labotlhano. Fa a lebogela dimpho le mafoko a kgothatso go tswa mo dikgosing tsa metse e e farologaneng, morafe, masika le ditsala kwa moletlong wa go mmaya kgosi  kwa kgotleng  ya Chadibe, Kgosi Rabojang o supile fa a le motlotlo ebile a tletse boitumelo gore tiro e bo e diragetse.

“Mafoko le dimpho tsa lona di raya go le gontsi fela thata mo go nna. Ke lebogela tshwaragano le lorato la lona mo go nna,” Kgosi Rabojang a supa.

A re se ke tshimologo ya go dira dilo sesha ka a ikaeletse go etelelapele ka tshwaragano, kagisano le go dira ka natla go atolosa dikeletso tsa banni ba Chadibe le setshaba sa Botswana.

“Tlholang ka dipelo tse di ntle, le itumelele letsatsi le, le itse gore jaanong mo Chadibe re na le kgosi yo o beilweng semmuso,” Kgosi Rabojang a tlhalosa.

Malomaagwe, Rre Selelo Keitsetse o kopile ba lelwapa la ga kgosi go mo gakolola.

“A re seka ra letlelela gore kgosi wa rona e wele ka lemena pele, e be re re re tlaa mo gakolola morago, nnyaa, a re mo gakololeng pele a wela ka lemena,” Rre Keitsetse a gakolola.

O rotloeditse kgosi go batlela morafe mohumagadi, go mo thusa go busa ka a tlaabo a na le mothusi yo o molemo.

“A kgosi a nyale, a nne le mosadi, molekane yo o tlaa mo tseisang loeto lo, a seka a jewa ke bodutu mo tirong e ya bogosi,” Rre Keitsetse a kgothatsa a bo a tlatsa ka gore mosadi o tshwanetse go laola kgosi, ba age bogosi jwa Chadibe mmogo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa a re Chadibe o kile a tsogelwa ke dikgang, mme ka jaanong go beilwe kgosi semmuso, tsholofelo ya gagwe ke gore dikgang tse di tlaa ritibala.

“Tiro ke eo Kgosi Rabojang. O kgosi ya mongwe le mongwe, ga o sebe le ope, ebile ga o sebediwe ke ope. O gane fa ba batla go go gogela kwa thoko,” Kgosi Moremi a gakolola a bo a mo tlhalosetsa gore ga e je gongwe le gongwe.

“Ka o ise o nyale, ja kwa ga mmago, o na le bo monnao, reka dijo ba go apeele, ebile gape, ke go rotloetsa gore o seka wa pegapega batho mo koloing ya gago,” Kgosi Moremi a gakolola.

A re Kgosi Bojang a nne pelo telele mo tirong, a supa fa bogosi bo tletse dikgang, mme a ka atlega ka go dira ka matsetseleko, botlhale le botswerere.

Moruti George Mokaedi, ene o rotloeditse kgosi go atumela Modimo.

“Gore o kgone tiro, ikatumetse Modimo,” Moruti Mokaedi a mo kgothatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Chadibe

Event : Peo ya kgosi

Date : 27 Jul 2025