Breaking News

Hunyepa o gwetlha dikereke go nna seopo sengwe le puso

27 Jul 2025

Kereke ke karolo nngwe e e botlhokwa mo go thuseng go fetola matshelo a batho le go aga setshaba se se eletsegang.

Go tlhalositse jalo mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Justin Hunyepa, fa a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa kereke ya Morning Star Apostolic Church of Christ kwa Mosojane ka Matlhatso. Rre Hunyepa yo gape e leng mothusa tona wa lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go tswa kwa Moding a re puso e lemoga seabe sa dikereke mo go ageng setshaba. Ka jalo a re puso e ikemiseditse go nna seopo sengwe le dikereke.

O gwetlhile dikereke go tsaya boikarabelo jwa go thusa puso le setshaba go lwantsha masula ka go farologana. Rre Hunyepa a re ntle le go inaakanya le thapelo, dikereke di dira namane e tona ya go fitlhelela dingwe tse puso e sa kgoneng jaaka go ruta basha maele a botshelo le go ba sedila maikutlo le ditlhaloganyo, go agisanya malwapa le tse dingwe fela jalo. O supile fa puso e eletsa go bona ditshwanelo tsa dikereke di sirelediwa gore di kgone go diragatsa tiro ya tsone ka tshosologo.

Rre Hunyepa a re puso ka nosi e ka se kgone go itepatepanya le ditiragalo tse di bosula tse di diragalang mo lefatsheng leno ntle le tshwaragano le dikereke. A re ditiragalo tse di kgopo di supa fa tshaba e sa tsoga sentle mme e tlhoka pholo ya semowa. O kopile dikereke go tswelela di rapela kgatlhanong le masula a tshwana dipolaano le kgokgontsho mo malwapeng. O ne gape a gwetlha kereke ya Morning Star Apostolic Church of Christ go tswelela ba phatsimisa serodumo sa kereke ya bone.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa kereke, Bishop Molosiwa Molosiwa le ene o supile fa dikereke di tshwenyegile thata ka tshololo ya madi. Bishop Molosiwa a re seemo seo se tlhoka gore go tshabelwe kwa Modimong le go tsosolosa mekgwa ya maloba e banyalani ba neng ba tlotlana e bile ba neelana lorato. O kopile puso go netefatsa go abela dikereke ditsha go aga mafelo a kobamelo. A re seo se tla thusa gore di phuthologe go diragatsa thomo ya tsone ka nonofo.

Bishop Molosiwa a re kereke ya bone e tsweletse ka maitlamo a yone a go supa mowa wa bopelotlhomogi ka go abela bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, e le tsela nngwe ya go thusana le puso go tlamela setshaba.

Fa a lebisa mafoko kwa bakaulengweng ba gagwe, Bishop Molosiwa  o ba gwetlhile go nna badiredi ba Modimo, ba ba eteletsang kwa pele mowa wa boitlhaopo. Kereke eo, e ne ya abela banni bangwe ba Mosojane le maloko ka bone dimpho tse di lopileng madi a a fetang P4,890. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mosojane

Event : Bokopano

Date : 27 Jul 2025