Lerato le neelano ya borre ke thuto mo baneng
27 Jul 2025
Modimo o tlhodile borre e le ditlhogo tsa malwapa, ka jalo ba tshwanelwa ke go supa lerato le neelano go tsholetsa seelo sa bone sa boeteledipele le go ruta bana tsela ya tshiamo.
Mafoko a, ke tshoboko ya se se builweng kwa letsatsing la go lemoga borre, le le neng le rulagantswe ke mokgatlho wa dingwetsi tsa motse wa Zwenshambe ka Labotlhano. Kgang kgolo ya letsatsi e ne e le go lemoga seabe sa borre mo go ageng malwapa ga mmogo le lefatshe ka kakaretso.
Dibui ka go farologana di supile fa go ngomola pelo go bona borre bangwe ba sa diragatse boikarabelo jo bo solofetsweng mo go bone jaaka ditlhogo tsa malwapa, mme boemong jwa se, ba di goga kwa pele mo ditiragalong tsa kgokgontsho. Ba re go di goga kwa pele mo dikganyeng tsa kgokgontso ga borre, e bile bangwe ba e direla mo ponong ya bana, ke go jwala peo e e sa siamang, ka ba gola ba na le kitso ya gore kgokgontsho ke yone tlharabololo ya sengwe le sengwe.
Fa a tswa la gagwe, sebui sa tlotla kwa letsatsing leo, eleng mokwaledi mo lephateng la Metshameko le Bodiragatsi, Mme Nancy Chengeta o supile fa nako e gorogile ya gore mongwe le mmongwe a fetole ka fa a ntseng a dira dilo ka teng. Mme Chengeta o supile matshwenyego ka dipolaano tsa batho tse di setseng di atile mo lefatsheng leno.
Le ene fela jalo, o ne a supa fa Batswana ba latlhile tsela mo kgodisong ya ngwana wa mosimane, a re ditsamaiso dingwe tsa go godisa bana ba basimane di baka gore ba gole ba na le ditlhaloganyo tse di tletseng tshakgalo. Mme Chengeta o gwetlhile batsadi go leka bojotlhe go godisa bana le go ba betla ka tsela e e tla ba dirang gore ba nne baeteledipele ba kamoso, ba ba nang le boikarabelo.
A re go botlhokwa gore batsadi ba nne ba akaretsa bana mo mererong e e nang le bokao mo popong ya malwapa, ka jalo a akgola ba mokgatho wa dingwetsi wa Zwenshambe mo tirong eo ba dirang. O ne gape a tlhagisa banni ba Zwenshambe ka malwetse mangwe a a ka bakiwang ke ka fa ba jang ka teng le go sa itshidila mebele.
Mogolwane gotswa kwa ofising ya Bong, Mme Onneile Tauyatswala are dipatlisiso di supa fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le nngwe ya tse di gogang kwa pele mo go tsa kgokgontsho. Mme Tauyatswala are kgokgontsho e na le ditlamorago tse di botlhoko thata, ka bangwe ba setse ba latlhegetswe ke matshelo mme bangwe e ba bakela malwetse ka go farologana.
Sergeant Michael Mbeha wa sepodisi sa Botswana a lebagane le dikgang tsa bong le tshireletsego ya bana, o supile fa monongwaga kgaolo ya Bokone Botlhaba e kwadisitse dikgetsi di le masome mabedi le botlhano (25) tsa tiriso botlhaswa ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boroba bobedi (18), go tswa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha jaana.
Sgt Mbeha a re palo eo, e kwa godimo fela thata, a tlatsa ka gore bontsi jwa badira melato ke batsadi ba ba gaufi thata le bana, jaaka bomalome, borrangwane le borragwe bana. O tsweletse a supa batsadi bangwe ka monwana, ba a boletseng ba na le mokgwa wa go bipa dikgang tsa go nna jalo fa di diragala mo malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Zwenshambe
Event : Bokopano
Date : 27 Jul 2025