Lobatse Leather Park e a simolodisiwa
24 Jul 2025
Mopalamente wa Lobatse Rre Kamal Jacobs a re Puso e tsepame go diragatsa ditsholofetso tsa go tlhabolola matshelo a Batswana, mme ke ka mo Puso e ntshitseng P193 million go simolodisa madirelo a Lobatse Leather Park mo ngwageng wa 2025/2026.
Fa a buisa banni ba Lobatse kwa kgotleng ya Motswedi ka Mosupologo, Rre Jacobs a re go simolodisiwa ga madirelo ao go tlaa tsisa pharologanyo ka gore go tlaa fetlha mebereko. Fa a rolela banni ka tse dingwe, Rre Jacobs o tlhalositse fa kago ya kgotla ya Motswedi kwa Lobatse e e tlaa lopang P4.3 million e tlaa simolodisiwa mme moagi o setse a abetswe tiro eo, e bile o setse a gorogile go tla go ipaakanyetsa go simolola tiro eo e e tlaa tsayang sebaka sa ngwaga.
Mo ditirong tse dingwe tsa kgaolo mopalamente a re dipuisano di tsweletse le mogwebi go aga maemelo a difofane mo Lobatse go tsosolosa itsholelo ya toropo. A supa jalo gore kgaolo eo ke boremelelo jwa thekiso ya nama ka matlhabelo a Botswana Meat Commission ka jalo go botlhokwa gore jaaka fa mebaraka ya nama e bulega kwa Democratic Republic of Congo, China le mafatshe a mangwe go nne le maemelo a difofane kwa Lobatse gore go nne motlhofo go isa nama kwa mmarakeng wa mafatshe.
Rre Jacobs a re go bulwa ga maemelo a difofane go tlaa bula diphatlha tsa mebereko. O supile fa ba tlaa kopa mogwebi go ntsha lefatshe la bonno gore banni ba bewe ditsha tsa bonno le lefatshe la 12 hectares le go ka agiwang sepatela se sesha mo lone a tlatsa ka gore fa ditiro tseo di tsweletse ditlhabololo tsa kokelo ya Athlone le tsone di tlaabo di ntse di tsweletse.
Mopalamente a re seemo sa letlhoko la metsi se a tshwenya ka jalo o kopile tona wa Lephata la Metsi le Bonno, go tswa ka ditharabololo a kaya fa gore go na le mabeelo a matona a metsi a a agilweng a le mabedi (reservoir) ka jalo fa a ka tsenngwa mo tirisong letlhoko la metsi mo Lobatse le ka fokotsega bogolo jang ka nako e diphaephe tsa metsi di nnang le bothata. O ne gape a kopa go itse gore ka nako e madi a a solofeditsweng a duelwa a go tlaa duelwa le melala ya one.
Rre Hussein Pandora, o kopile gore maphata a puso a tshwana le la Consumer Affairs le la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) a bulwe kwa Lobatse Batswana ba kgone ba a dirise a le gaufi. A re Lobatse o tlhoka tsosoloso ya itsholelo a supa jalo gore ba dikgwebo ga ba bone kgwebo sentle mo toropong eo mme ba patelesega go tswala mme seo se babalela ba ba ba adimileng dikago ka jaanong ba tlaabo ba tlhoka letseno la go itshidisa.
Molaodi wa Lobatse, Rre Mpho Mathe a re go tsisa maphata a puso a tshwana le CEDA go tsweletse go a sekasekwa a supa jalo gore e rile pele ga go kgaoganngwa dikgaolo Lobatse o ne a wela ka fa tlase ga Kanye ka jalo o ne tsaya ditlamelo dingwe koo, ke ka moo maphata mangwe ba santseng ba a pataganetse. A re ka jaanong Lobatse e le kgaolo e e ikemetseng, letlhoko la madi ke lone le dirang gore seemo se nne jaaka se ntse. Molaodi a re go botlhokwa gore banni ba bule dikgwebo go tlhabolola matshelo a bone.
A re kgwebo ya puso ya mashi ya Milk Valley Farm e semeletse le ntswa e tlhaelelwa ke dikgomo tsa mashi mme jaanong go mo Batswaneng gore ba bone gore ba ntsha dithoto tse di farologanyeng tsa mashi di tshwana le madila, Cheese, dimonamone le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jul 2025