Breaking News

Banni ba Hukuntsi ba tlaa ipelela ngwao

24 Jul 2025

Morafe wa Hukuntsi o amogetse go tshwara moletlo wa go  ipelela ngwao, ba supa fa kgatelopelo e e tlaa thusa thata go tsosolosa le go nonotsha ngwao ya bone.

Morafe o supile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng, e tshwerwe ke komiti e e tlhophilweng go rulaganya moletlo wa go ipelela ngwao. Fa a amogela morafe, Kgosi Merapelo Tshweneyagae o supile fa go tsere lebaka le le leele morafe o sa ipelele ngwao a supa fa kgato e, e supa go itharabologelwa ka jaana bontsi bo akanya fa motse wa Hukuntsi o sena ngwao. A re se ke kgatelopele e e botlhokwa ya go nonotsha ngwao ya morafe wa gagwe e e nyelelang ka monokela, ka jalo a leboga morafe gore o bo o bone go tlhokafala gore ba tsosolose le go ikgakolola ngwao ya bone.

“Go ipelela ngwao go botlhokwa ka go refa sebaka sa go supa sekao sa rona, ditso tsa rona, le gone go supa gore re dira dilo ka tsela e e ntseng jang,” a supa.

A re ka ntlha ya se, go botlhokwa gore ngwaga le ngwaga ba nne le nako e ba ipelelang ngwao gore dikokomane le merafe e mengwe e kgone go itse gore ke bo mang. O lebogetse komiti go netefatsa gore ba rulaganya moletlo o, a bo a ba kgothatsa go dira ka natla gore moletlo o atlege. Le fa go ntse jalo, Kgosi Tshweneyagae o supile fa gona le bokoa jwa maloko mangwe a komiti a a maoto a tshupa go thusa go diragatsa ditiro tse di tlhokafalang, a supa fa ipelelo ya letsatsi le ele gaufi ka jalo a rotloetsa go nna tlhaga.

Kgosi Tshweneyagae o ile a rotloetsa morafe go iketeletsa kwa pele gore letsatsi le le tsamae sentle. A re e tlaare mo bogautshwaneng ba ipaakanyetse go ipelela dikgafela, a supa fa dingwaga tsotlhe ba ntse ba bolotsa letsema, e le thulaganyo ya go letlelela morafe go lema, mme ba seke ba rulaganyetsa dikgafela.

“Thulaganyo ya dikgafela e tlaa fa morafe sebaka go rola thobo ya bone kwa kgosing, mme e bile ka re santse re sena mabeelo, re tlaa netefatsa gore re thusa batlhoki mo motseng wa rona re tshwarane le ofisi ya ga Mmaboipelego,” ga bolela jalo kgosi.

Fa a lekodisa morafe, Modulasetilo wa Komiti e e rulaganyetsang go ipelela ngwao, Rre Nelson Moncho o supile fa maikaelelo a bone ele go ipelela letsatsi le ngwaga le ngwaga. A re ka letsatsi le, bontsi jwa dijo, kapari, mmino le metshameko e tlaa nna tsa ngwao ya Setswana, jalo a rotloetsa morafe gore ba ithulaganye kwa dikgotleng tsa bone go supa ba tsaa karolo ba ba ka ba emelang.

“Re tsile go tlhoka badiragatsi ba akaretsa baboki, dikhwaere, go supa bothakga jo re nang le jone mo motseng wa rona,” a supa.

A re ba tlaa laletsa ditlhopha tse dingwe gotswa kwa merafeng e mengwe gotla go natetsha letsatsi, a supa fa keletso e le gofa sebaka morafe wa Hukuntsi go supa boleng jwa setso sa bone. Rre Moncho o tlhalositse fa komiti e na le kgwetlho ya letlhoko la madi, a supa fa se, se ba kgoreletsa go dira tiro ya bone, jalo ba kopa thuso gore ba kgone go diragatsa thomo ya bone.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Kgotlafela III Keolopile o supile fa go simolodisa meletlo ya ngwao ele kgatelopele ya go ikgakologelwa ele morafe wa Hukuntsi. O gakolotse gore go dirwe moletlo wa ngwao selekanyo se se kgonegang, ba itekantse a supa fa ba tlaa gola fa nako e ntse e tsamaa. Fa a bua ka dikgafela tse di tlaa tshwarwang mo nakong e e gaufi, a re se ke kgatelopele ka go supa fa jaanong morafe o ikgakologelwa.

A re thulaganyo e ntswa go lebega e kare ga e na motlhala mo Hukuntsi, e kile ya nna teng bogologolo, mme ya ema mo dingwageng tse di kwa morago. Kgosi Keolopile o kgothaditse morafe go atla meletlo e ka e ka thusa thata go rurisa ngwao ya bone, a supa fa a lemogile fa dikgaolo tse dingwe mo Botswana di gatetse pele mo go nonotsheng ngwao tsa bone.

“Re batla gore kwa bofelong a bo re itshwaragantse le metse e mengwe e e mabapi re dira moletlo ole mongwefela, re ipelela ngwao ya rona,” a bolela jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso kgakatsi

Location : Hukuntsi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jul 2025