Maloko a kopiwa go hemela BNF
23 Jul 2025
Tautona wa phathi ya Botswana National Front (BNF) Advocate Duma Boko a re o tshwenngwa ke dikgang tse di runyang fela fa go iwa ditlhophong kana go na le bokopano jwa phathi di bo di nyelela gape fa bokopano bo fela.
Tautona Advocate Boko o ne a bua jalo ka Mosupologo fa a ne a bua le maloko a BNF pele ga ba tsena mo ditlhophong tsa boeteledipele jwa phathi. A re mo dinakong ka bontsi fa go atumela dithopho maloko a a kwadisiwang kwa dikgaolong ka dipalo tse di kwa godimo mme fa ba ne ba na le kgatlhego ya go nna maloko a Puo Phaa ba kabo ba itshupile pele ga ditlhopho. Ka jalo a re batho ba go nna jalo fa ditllhopho di sena go feta ba a nyelela ka ba ne ba ntse ba se maloko.
O ne a tsibosa maloko a BNF fa seemo se se le diphatsa ka jaanong ba le mo seemong se ba tlaa felelang di pathi tse dingwe tsa sepolotiki di ba romelela batho go tla go ba tseela ditshwetso. Tautona Boko a re boeteledipele jwa phathi ya BNF bo tshwanetse go feta diemo tse di ntseng jaana mme ba ikgaphe mo go tsone.
A re ba ka dira jalo fa leloko lengwe le lengwe le ka diragatsa boikarabelo jwa lone jo bo mo motheong jwa go hemela, go tshegetsa le go tlotlomatsa ditsamaiso tsa phathi. O ne a kopa a ba a kgothatsa maloko a BNF gore e re fa ba tswa mo bokopanong, mongwe le mongwe a bo a itlamile gore o ya go dira se e leng boikarabelo jwa gagwe jaaka e le leloko.
Tautona o ba kopile go dibela phathi le go ikgapha mo go ntsheng dikgang tse di amang phathi mme di sa tshwanela go anamisiwa. A re maloko a BNF a tshwanetse go ipotsa gore go raa eng gore ba bo ba le maloko a yone le gore ke eng se se ba farologanyang le ba bangwe ba eseng maloko.
O ne a supa fa ba tshwanetse go farologana le maloko a diphathi tse dingwe ka boitsholo jo bo nitameng e bile bo ikaegile ka ditsamaiso tsa phathi ya bone le go tlhomamisa gore e babalesegile e bile e tlotlomadiwa ka dinako tsotlhe. A re ba tshwanetse go tlhomamisa gore fa go tsenwa mo ditlhophong tsa boeteledipele jwa phathi kana dikomiti tse di farologaneng ga go nne le dikgogakgogano tse di sa tlhokafaleng.
A re maloko a tshwanetse go tswelela a tshegeditse puso ka e le ya bone ka dikgwetlho tse puso e lebaganeng le tsone di ba tlhoka botlhe ka fa ba ka seka ba dira jalo ba ya go dira gore ba gaisiwe ke ba diphathi tse dingwe tse ba berekisanyang le tsone. Tautona Boko a re maloko a BNF ke one a tshwanetseng go nna sekai kana bokao jwa se se siamemeng se se tshwanetseng go diragala.
O ne a lebogela boeteledipele jo bo neng jwa etelela phathi ya BNF pele mme ba e direla go tswa ka bokopano jwa bofelo bo tshwarwa le jo bo neng bo le kwa sekoleng sa sa Ba Isago go tla go tsena mo nakong eno. A re baeteledipele bao, ba tsamaile tsela e e thata e e neng e aparetswe ke dikgwetlho e bile e na le mathata. A re phathi ya gagwe e ne e sotlakwa, batlhalefi ba bua ba sa kgale mathe ba e tlhobosa ka sebaka mme ba seka ba itlhoboga mo mosepeleng o ba neng ba le mo go one.
O ne a akgola Dr Micus Chimbombi yo mo nakong eno a santseng a sa tsoga go bo a ne a nna mongwe wa baetedipele ba phathi ya BNF mme a seka a ineela. O ne a kopa setshaba go neela borra Chimbombi sebaka sa go mo oka. O ne gape a lebogela bopelotelele jwa maloko a BNF le tirisanyo mmogo e ba nnileng le yone mo bokopanong jwa go tlhopha boeteledipele jo bosha ka ba rwele boikarabelo jwa batho ba ba ba romileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 23 Jul 2025







