Breaking News

Ba Palapye ba tsaya Bonno ka tlhwaafalo

23 Jul 2025

 Ikopelo ya lenaneo la Bonno e setse e tsamaya kwa go 500 mo Palapye fela.

Se, se builwe ke mogokaganyi wa  lenaneo la Bonno go tswa kwa khanseleng ya Palapye Mme Gorata  Molosi kwa phuthegong ya kgotla kwa Lerala bosheng. Ka jalo mogokaganyi o rotloeditse banni ba Lerala go tsenya dikopo. O tsweletse a kopa ba ba setseng ba akotse lenaneo le e santse e le SHHA go duela, go re ba bangwe le bone ba thusiwe.

"Mo bo gompienong, khansele e kolotiwa selekanyo sa madi a P3.5million, mme “Madi a ga a na morokotso, mme fa o tlodisa o sa duele, a tsena morokotso,” ga bua Mme Molosi, a tlatsa ka gore ga gona madi ape a Bonno a motho a a fiwang ka letsogo

Fa Kgosi Moroka III wa Lerala e ne a tlhalositse fa tsholofelo ya gagwe e le gore lenaneo la Bonno National Housing Programme le tlaa thusa Batswana ka dipalo tse di kwa godimo. O buile jalo fa a amogela bagokaganyi ba ofisi ya Bonno National Housing Programme go tsweng khanseleng ya Palapye Kgosi Moroka o akgoletse makhanselara a Lerala go be ba rulagantse phuthego e go tla go rola lenaneo la Bonno mo morafeng.

O tsweletse a supa gore nako e tsile ya gore banana ba dirise lenaneo la Bonno. A re go a tshwenya go bona banana ba saila ba sa itirele, mme se se ka ba baa mo mosing motlheng dingwaga di kgabaganyang.

"Itireleng bokamoso le santse le kgona, fetolang ditlhaloganyo tsa lona betsho gore le seka la tsoga le le bannabagolo le basadibagolo ba ba sa itirelang sepe," a tshwaela Kgosi Moroka.

O supile fa lenaneo le, le tlaa thusa go itsa banana go rekisa ditsha tsa bone, ka jaanong ba ka ditlhabolola. Kgosi Moroka o supile fa a solofetse gole gontsi mo pusong, a tlatsa ka gore Tautona Adocate Duma Boko o ipeetse seelo sa ngwaga tse tharo go ka tokafatsa le go diragatsa ditsholofetso dingwe tsa puso e ntsha.

"Ke leboga tautona wa rona go bo a ntshafaditse le go atolosa lenaneo la SHHA go nna Bonno National Housing Programme, e bile ke utwa gotwe mo Lerala le tlaa simolola kwa sekoleng se se potlana," a tlhalosa.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lerala Botlhaba Rre Andrew Supang a re Tautona o file makhanselara boikarabelo jwa go ruta Batswana ka lenaneo le.

"Ke kopa gore thuto e, le e tsee ka tlhwaafalo, ke boswa jwa lona, bonno ke seriti sa motho," ga bua Rre Supang.

O supile gore mo malobeng, banni ba Lerala ba tsere lenaneo la SHHA ka dipalo tse di kwa tlase, mme a re o solofela gore seemo se tlaa tokafala ka Bonno. Fa a leboga, mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Loeto Tsebenyane o rotloeditse banni ba Lerala go tsenya dikopo tsa ditsha.

"Tsenyang dikopo tsa ditsha, metsi le motlakase bogolo le nne le letile, e re go siama le akole lenaneo la Bonno," ga bua mokhanselara.

O tsweletse a supa gore lenaneo la Bonno la Turnkey le tlhokana le setsha se na le moalo wa metsi, mme fa motho a sena moalo wa metsi o ka kgona go dirisa tanka ya metsi.

 "Ke ne ke re ke le rurufaletse gore ba thulaganyo ya SHHA ga baa kgapelwa kwa ntle," ga bua Rre Tsebenyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Lerala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jul 2025