Breaking News

Puso e tshwentswe ke tshakgalo e e mo setshabeng

23 Jul 2025

 Puso e tshwenyegile thata ka e lemoga gore setshaba se tletse chakgalo e e supiwang ke dipolaano, go ikgapela matshelo, malwapa a a  sa utlwaneng le tiriso ya ditagi.

Se se builwe ke Tona wa Ditlhaeletsano le Bothami Rre David Tshere kwa kapesong ya Archbishop wa kereke ya Holy Apostlic Church kwa Mahalapye ka Matlhatso. Rre Tshere a re Kereke ke yone e ka thusang go aga setshaba, a supa fa ba lebile kwa kerekeng gore ke yone e ka ritibatsang seemo. A re puso e a leka ka mananeo a yone ga e kake ya kgona ka nosi a tlhalosa fa seabe sa kereke se le botlhokwa.

Rre Tshere a re go runya le go thubega ga dikereke go a tshwenya mme a kopa go re go tsiwe ka methale ya go rarabolola dikgang tsa dikereke. A re go thubega ga dikereke go isa setshaba kwa tlase mo tumelong a tlatsa ka gore ba rute maloko molao motheo gore ba o tlhaloganye. Tona a re kereke e tshwanetse ya nna le molao o o tlamang e bile o aga maloko.

Rre Tshere o rotloeditse maloko a kereke ya Holy Apostlic Church gore ba lebelele se ba sekgonang, dikitso le dineo tse ba nang le tsone gore ba kgone go dira thomo ya Modimo. O akgotse kereke eo  go tlhoma barongwa ba Modimo, a ba a ba  kopa gore ba tlotle bogogi e bile ba  ba bafe lerato.

Mogolwane wa kereke Reverend Poloko Nyambe o supile  fa kereke ya Holy Apostlic Church e tlholega kwa African Borwa e simologile kwa Mahalapye ka 1994 ele yone ntlokgolo. Rre Nyambe a re kereke e setse e itemogela dikgwetlho fela jaaka makgotla a mangwe, a kaya fa dikgwetlho tse, di akaretsa tsa go kgaogana ga maloko le makgamu.

A re fa e sale Mookami a tlhokafala ka 2021 bantse ba pepetletsa ba rerisana ka go tlhoma moeteledipele ka molao motheo o dumelana jalo. O tlhaloseditse Tona gore ba itemogela go kgaogana ga maloko ka bangwe e bile ba itirela di kereke mo areng go rotloediwa ke dipalo tse di tlhokiwang tsa maloko a le masome mabedi go kwadisa kereke. Rre Nyambe a re ba itemogela bokete jwa madi a di lease, a tlhalosa gore di kereke tsa semowa ga dina letseno la madi ba na le dikoloto tsa di lease. O ne gape a supa fa ba lela ka letlhoko la ditsha tsa di kereke.

Fa amogela thomo Archbishop Lucas Barreto a leboga phuthego go bo ba dirile go rata ga Modimo ka go mo tlhoma gonna moeteledipele.  Archbishop Barreto a re o dumela gore ba tlaa mo ema nokeng gore a kgone thomo ya gagwe ka oka kgona tiro ya gagwe fela ka tshwaragano ya phuthego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Kapeso

Date : 23 Jul 2025