Batsadi ga ba itumelele tsamaiso ya sekole
23 Jul 2025
Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Palapye Junior School ba supile bogogi jwa sekole seo le komiti ya batsadi le barutabana ka monwana ba supa fa ba sa itumelele tsamaiso ya bone.
Ba ntshitse ngongorego ya gore bogogi jwa sekole le komiti ya batsadi le barutabana e ne ya re kwa tshimologong ya ngwaga ono ba seka ba tsibogela go ba lekodisa ka bothata jo bo neng jwa nna teng, go fitlhelela diemo di senyegela pele. Ba tlhalositse fa ba ne ba utlwalela bothata ka bana ba bone ba ba tsenang sekole koo.
Batsadi ba ne ba bua se kwa phuthegong ya batsadi le barutabana. Ba ne gape ba kgala bogogi jwa sekole le komiti ya batsadi le barutabana go bo ba ba bileditse bokopano morago ga dikgwedi seemo sa sekole se setse se bifetse pele.
E ne e rile go le pele fa a amogela batsadi, mogokgo, Mme Mositi Masole a supa fa sekole sa gagwe se ne sa nna le dikgwetlho mme di tla ka bokete. O ne a bolelela batsadi fa dikgang tseo e ne e le magareng ga bogogi jwa sekole le barutabana mme e le dikgang tsa tsamaiso e e laolang barutabana.
A re kgang eo e ne ya felela e le kwa diofising tsa lephata la thuto mme ditharabololo tsa dikgang tseo di tla a tswa gone koo. O ne a re mo tlhakatlhakanong eo, baithuti ba ne ba felela ba sa kwala ditlhatlhobo tsotlhe tsa setlha sa ntlha sa ngwaga.
O ne a supa fa go ne go se motlhofo go bitsa bokopano jwa batsadi le barutabana. Mme Masole o ne itsise batsadi fa e ne e rile mo tshimologong ya ngwaga o ga nna le tlhaelo ya barutabana ba nakwana ka jalo ba goroga ka kgwedi ya Mopitlo mme baithuti bangwe ba nnile sebaka ba sena barutabana bogolo jang ba lekwalo la ntlha.
Mogolwane kwa sekoleng seo yo o itebagantseng le tsa boitshwaro jwa bana mo sekoleng Rre Mosele Mosele o ne a lekodisa batsadi fa ka kgwedi ya Seetebosigo e simologa ba ne ba itemogela palo e ntsi ya dikgang tsa go tlhoka tsebe ga baithuti. A re baithuti bangwe ga ba tle ka tse di tlhokafalang kwa sekoleng di tshwana le dibuka, bangwe ga ba dire tiro ya sekole fa bangwe ba dule mo tseleng mo ba felelang ba tsosa dintwa mo sekoleng.
O ne a tsibosa batsadi fa se se sa itumedise ka se kgona go isa maduo a sekole kwa tlase. Rre Mosele o ne a re ba na le dikgang dingwe tse ba setseng ba di isitse kwa mapodising ba lemoga fa mo sekoleng ba paletswe.
A re go na le setlhopha sengwe sa baithuti ba mophato wa ntlha ba ba tlhorontshang ba bangwe mo sekoleng ba tshwere dithipa fa bangwe ba goga motsokwe. A re ba setse ba kile ba seegela bangwe kwa thoko malatsi a le 15 mme ba tsweletse fela ka botlhokatsebe.
Fa ba akgela mo dikgannyeng tseo, batsadi ba ne ba supa fa baithuti ba mophato wa ntlha ba ne ba gorogela mo diemong tse di sa iketlang mme ba tlhoka dikgakololo. Ba ne ba re fa ba ne ba utlwile ka nako ba kabo ba lekile go thusa fela jaaka ene e rile ba di utlwa ba tsiboga go fitlhelela mothusa mokwaledi wa lephata la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding Professor Agreement Jotia a etela sekole sa bone.
Batsadi ba ne ba supa fa go sa kwalang ditlhatlhobo tsa setlha sa ntlha sa ngwaga go tlaa nna le ditlamorago tse di maswe mo baithuting ba lekwalo la boraro. E ne ya re phuthego eo e ntse e tsweletse mongwe wa barutabana yo e bileng e leng moemedi wa barutabana ba sekole seo Rre Godiraone Sekgwama a supa fa kgang ya bone e se ya molao o o ba tsamaisang jaaka mogokgo a ne a bolelela batsadi mme ba lela ka tsamaiso ya sekole gore e isa maduo kwa tlase.
A re botlhe ba ba neng ba ba tshereganya ba ne ba dumela fa kgang ya bone e se kgang e e kabong e feletse e ama baithuti mme ba ka bo ba e rarabolotse. Rre Sekgwama a re go utlwisa botlhoko ka baithuti ba ba nang le bone ba lekwalo la boraro ba ne ba ka ntsha maduo a a kwa godimo. A re barutabana ba sekole seo ba tsweletse ka go ruta ntswa ba na le dikgang tse di iseng di rarabololwe.
O ne a ba itsise batsadi fa e ne e rile ngwaga o simologa barutabana ba nna le bokopano le bogogi jwa sekole mme ba gakolola ka dilo dingwe tse ba eletsang gore ba di dire go tokafatsa maduo a sekole ka di ne di ntse di ba berekela pele ga mogokgo yoo a tla kwa sekoleng sa bone, mme mogokgo a seka a dumalana le bone ka sepe sa tsone. Ba lephata la thuto ba ne ba tla kwa sekololeng goleka go tshereganya mme ga retela.
O ne a fa sekai ka nngwe ya tse di neng di ntsha maduo kwa sekoleng seo jaaka go tla ga baithuiti kwa sekololeng ka Matlhatso le go thusa baithuti ka nako ya motshegare fa sekole se tsweletse, a supa fa mogokgo wa sekole seo a ne a di emisa.
Rre Sekgwama a re e rile fa ba tla ka dikgakololo tseo bangwe mo bogoging jwa sekole ba seka ba tseega sentle mme ba tswelela ka go kopa go kopana le bogogi jwa sekole mme jwa gana. A re ba kopile bokopano le bogogi jwa sekoloe makgetho a le mantsi mme ga retela.
Ka jalo Rre Sekgwama o ne a ganetsa dikgang tse di mo maranyaneng a Facebook tse di supang fa barutabana ba sekole seo ba ngadile ditiro a supa fa ba sa ngala ditiro mme ba tsweletse ka tiro ya bone e bile ba dira sengwe le sengwe ka fa moloaong, a tlhalosa fa go ngala tiro go na le tsamaiso ya teng mme barutabana ba lwela go tlhamalatsa dilo mo sekoleng gore ba bee moithuti kwa pele.
O ne a bolelela batsadi fa mothusa mokwaledi wa lephata la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding Professor Jotia a ne a tla kwa sekoleng sa bone go tla go utlwa mathata a bone mme a nna le bokopano le barutabana, bagolwane ba sekole, baemedi ba baithuti le batsadi go utlwa kgang ya bone ka kgwedi ya Motsheganong a ferabongwe mme ba dumalana gore ba tla a boela kwa dinakong tse ba neng ba ntse ba dira ka tsone go le pele.
A re mo nakong eno selelo sa bone le bogogi jwa sekole ga se ise se ka jalo ba tlaa tswelela ba ya dijong tsa motshegare fela jaaka modirela puso mongwe le mongwe e bile ba tlaa seke ba dire ditiro tse dingwe tse e seng tsa bone mme ba ne ba di ithaopela go fitlhela selelo sa bone se arabiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 23 Jul 2025







