Bogosi ke molao - motheo wa puso ya batho ka batho
23 Jul 2025
Bogosi bo tlhoka molao le tsamaiso tse di nonofileng go dira thomo ya morafe ka botlalo le go rekegela ditshwanelo tsa setho.
Bogosi ke pinagare ya setshaba e bile ke motheo wa lefatshe o o tshwanetseng go sirelediwa le go tlotlwa ke botlhe. Go buile jalo Kgosi Mosadi Seboko wa Balete, fa a bula semmuso leobo la kgotla le le lopileng P307,000 kwa Moiyabana bosheng.
Morero le ditsamaiso tsa morafe, ditlhabololo le theetso ya ditsheko di direlwa kwa kgotleng morafe o le teng go nna le seabe mme kgosi a nne seipone sa morafe le go gakolola ka tse di molemo eseng tse di duleng mo tseleng. Kgosi Seboko o tlhalositse fa go se boammaruri gore kgosi a bua dilo tse di molemo mo kgotleng le morafe mme e re morago a amege mo ditirong tsa borukutlwi.
O rotloediste marara go itlotla le dikgotla tsa bone, a re dikgosi dingwe di tshabelelwa ke go sukura badiri ka bone mo go tsa marato kwa ditirong. O ba rotloeditse gore ba seka ba goga seriti sa bogosi mo seretseng. A re ba tshwanetse go kopanela kwa kgotleng go buisana ka tse di amang morafe le matshwenyego ka go farologana le go tswa ka ditharabololo.
Kgosi Seboko o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dikgokgontsho tsa bong le botlhoka tsebe ga banana mme go batla bogosi bo batla ya go rarabolola mathata ao gore dilo tseo di fedisiwe. A re thupa e tshwanetse go lelela ba ba sa utlweng molao wa batsadi ga ba gakololwa. O ne a rotloetsa batsadi go godisa bana sentle kwa malapeng, ba ba otlhae fa ba tswa mo tseleng ba bo ba thuse mo go tsa thuto gore bana ba betle bokamoso jwa bone.
Fa a amogela morafe, Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana o ne a bolela fa motse wa gagwe o na le dikgotlana di le lesome le borataro mme ba santse ba dumela mo ngwaong ya Setswana ya gore lore le ojwa le sale metsi. Kgosi Kgomokgwana o tlhalositse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke dikgang tsa ditlhalano, a re di golela pele ka dipalo. A re bogologolo ditlhalano di ne di se dintsi ka gore go ne go sena mo go tweng go kgaoganwa dithoto ka bogare.
Modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa pulo ya leobo, Rre Dithapelo Tshotlego, o boletse fa leobo le simolotswe ka 2018, mme ba thusiwa ka madi a dikgaolo tsa botlhophi a ditlhabololo le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi. A re ba ne ba dira merero ba na le tumelo ya gore ba tlaa dira leobo le le pharologanyo le maobo otlhe a a bonwang mo kgaolong ya Serowe.
Mme Rachel Sakarea, moitseanape wa dikago mo khanseleng ya Serowe, o boletse fa ba heditse leobo ka 2021, mme ba thapile konteraka ya TTA Investment ya ga mme Senyana Ramaribana e le ngwana wa Moiyabana. A re ba ne ba mo rotloetsa gore ditsompelo tsotlhe tsa kago a di reke mo Moiyabana fa di le teng le go thapa batho ba Moiyabana gore le bone ba tsenye letsogo. Mme Sakarea o ne a ngongorega ka dikago dingwe tse di dirilweng ka madi a puso mme di sa tlhokomelwe ke beng ba tsone fa di sena go fediwa.
Mokwaledi wa lekgotla la Setswana go tswa kwa kgotleng e tona ya Gammangwato kwa Serowe, Rre Segopotso Sakwape a re mowa wa boithaopo le boipelego o Batswana ba itseweng ka one o nyeletse mo morafe o beile mo go direlweng ke puso. A re bogologolo morafe o ne o dira ka boipelego, mephato e epa matamo e bo e lema. A re Mmadikolo o agilwe ka boipelego, motho le motho kgomo, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tswelela ka mowa oo.
Mopalamente wa Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi o lebogetse tirisano mmogo ya morafe le ofisi ya gagwe gore leobo le bulwe semmuso, a bolela fa e le ene a rebotseng madi a CCP gore leobo le dirwe jaaka e ne e le keletso ya morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Moiyabana
Event : Pulo leobo
Date : 23 Jul 2025