Breaking News

Banni ba tlhalosediwa ka thulaganyo ya go epa letswai

18 Jul 2025

Banni ba Tutume ba nnile le sebaka sa go tlhalosediwa ka thulaganyo ya ka fa letswai le dirwang ka teng ke ba moepo wa letswai wa Botswana Ash(BotAsh).

Mogolwane kwa moepong wa BotAsh kwa toropong ya Sowa, Rre Thato Makgatlhe a re ba bone go tshwanetse go etela banni ba Tutume go tla go abelana le bone mananeo a bone ka fa ba dirang letswai ka teng.

Rre Makgatlhe a re maikaelelo a bone e ne e le go atumetsa ditirelo kwa bathong, go ba fa kitso ya ntlha ka fa letswai le dirwang ka teng go fitlhelela kwa pheletsong jaanong le ka dirisiwa ke batho.

O boletse fa kwa moepong oo, ba na le didiba di le makgolo mabedi tse go gogiwang metsi mo go tsone a a ka fa tlase ga lefatshe.

A re metsi ao, a pompelwa mo matangwaneng mme e re morago ga lebaka la dikgwedi tse tharo a sena go ipopa legakwa, a tlhotlhwiwe go dira letswai le le boleta le le le makgabana.

Rre Makgatlhe o tlhalositse fa di-tswa-moepong oo ele leupa le le tswang mo letswaing leo le lone letswai ka bo lone.

O boletse fa leupa le romelwa kwa madirelong a bone kwa Afrika Borwa go ya go rekisetsa mafatshe a a mo Sub-Sahara.

A re go be go tlhophilwe Afrika Borwa go nna boremelelo jwa madirelo a bone, go ne go lebilwe go re lefatshe leo le na le diporo (railroad) tse go nnang motlhofo go isa leupa leo kwa mafatsheng a a mabapi go le rekisa.

O boletse fa leupa leo, le ka dirisiwa go dira dithoto di tshwana diphaephe tsa metsi, digalase ka go farologana le dithoto tse dingwe.

O ile a rotloetsa banana go reka letswai leo bogolo jang la makgabana ka ba ka kgona go itirela letseno ka go dira letswai le le tlwaelesegeleng le le tlhapang (bath salts).

Mo dikgangnyeng tse dingwe, o boletse fa moepo oo, o sa itebaganya le kepo ya letswai fela, mme ba na le mananeo mangwe a ba thusang batho ba metse e e mo tikologong ya moepo, jaaka go ruta banana go dirisa metshine e metona.

A re maikaelelo magolo a bone ke go ruta batho ka dithoto tse ba di ntshang kwa moepong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jul 2025