Breaking News

Ba batla ditsamaiso tsa kabo ditsha di fetolwa

18 Jul 2025

Mopalamente wa Tswapong Borwa Dr Kesitegile Gobotswang a re ditsamaiso dingwe tsa lekgotla la kabo ditsha tse di kgoreletsang gore Batswana ba neelwe ditlamelo di tshwanetse di baakanngwe.

Dr Gobotswang o ne a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Maape, Mhalapitsa, Pilikwe le Ramokgonami jaaka fa a ne a lekola kgaolo ya gagwe.

Bangwe kwa metseng eo, ba ne ba kopa ba kabo ditsha go ba baya ditsha ka ba na le dingwaga ba di kopile fa bangwe ba ngongorega ka dikgang di tshwana le go fetola maina mo setlankaneng sa setsha mo ba supileng fa go tsaya nako e telele gore ba fiwe se sesha.

Ka jalo, Dr Gobotswang a supa fa go le gantsi Batswana ba lela ka ditlamelo di tshwana le go bewa ditsha, go direlwa ditlankana tsa ditsha ka bofefo mme go sa elwe tlhoko ka fa ba dirang ka teng.

Dr Gobotswang o ne a tlhalosetsa banni fa ba kabo ditsha ba bereka le maphata a a farologaneng, a  ba senang taolo mo go one, gore Motswana a  kgone go bona thuso.

A re ba kabo ditsha ba feta ka maphata a a farologaneng a tshwana le BURS, Deeds registry, surveys and mapping, khansele le a mangwe.

O ne a re dikgang tse ba di buile kwa palamenteng gore ba kabo ditsha ba neelwe ditlamelo tsotlhe tse di maleba gore fa motho a tsena teng, a kgone go bona thuso ntle le tiego.

Dr Gobotswang a re ditiego tse, ke tsone tse di dirang gore batho ba seka ba bewa ditsha, mme ditsamaiso dingwe di tshwanetse di fetolwe gore ditirelo tsotlhe tse di tlhokwang ke ba kabo ditsha di nne golo go le gongwe.

A re kgang ya peo ya ditsha ke ya moruthutha ka banni ba na le dingwaga ba sa bewe. 

Mo go tse dingwe, Mopalamente o ne a supa fa dikomiti tsa metse ya kgaolo ya gagwe di dumalane gore bontsi jwa madi a P10 million yo o fiwang dikgaolo a dirisiwe kwa dikoleng go thusa go baakanya mabati a dikago tsa matlo a borutelo, diokomela bagwe le matlwana a boitiketso. 

A re seemo sa dikago tsa dikole ga se itumedise bogolo jang kwa dikoleng tse baithuti ba nnang kwa go tsone a supa fa dingwe di sena materase a baithuti ba robalang mo go one.

Dr Gobotswang a re mo nakong e e fetileng, ba ne ba tsaya madi a feta P4 million mo mading a P10 million a ditlhabololo tsa dikgaolo go itebaganya le dikole.

A re ga go a tshwanela gore baituti ba rutelwe fa go sa sireletsegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jul 2025