Breaking News

De Beers e tlhagolela banana tsela

18 Jul 2025

Kompone ya De Beers e tsweletse ka lenaneo la go tlhagolela banana tsela gore ba kgone go ribolola bokgoni jwa bone le go lebelela dipe tse di ka tswang mo mohameng wa diteemane go itshetsa.

Ba De Beers dira jalo ba tshwaraganye le lephata la Pereko le Selegae ga mmogo le la Banana le Bong go thusa banana go itokafatsa gore ba kgone go akola metswedi ya itshetso.

Mogolwane go tswa De Beers, Rre Olefile Setswamokwena, o ne a sedimosetsa banana ba ba neng ba tshologetse pitso kwa Kanye ka Mosupologo, ka mananeo a le mmalwa a khamphane eo, e nang le one a itebagantse le banana.

O ba tlhaloseditse ka lenaneo la go tlhabolola dialogane tsa dikolo tse dikgolwane (University of Botswana le BIUST), go rutuntsha banana ka dikgang tsa mohama wa khiro le go ba rotloetsa go ikoketsa dithuto.

O tlhalositse fa mananeo a, a diretswe go tlhagolela tsela bokgoni jwa banana ba ba iseng ba dire gope.

Mme Magdeline Samuel a tswa kwa lephateng la Pereko le Selegae, o gwetlhile dialogane go ikwadisa ka maranyane mo go ba Botswana Labour Market Observatory, ba ba lebeletseng mmaraka wa dialogane kana bodiredi mo Botswana.

Mme Samuel a re go botlhokwa gore ba nne ba tlhabolola mekwalo e e supang dithutego kana bokgoni jwa bone gore ba kgone go ngoka leitlho la mohiri.

Mothusa mogolwane wa lekalana le le seka-sekang bokgoni kgotsa ditalente tsa banana kwa De Beers, Mme Nelisiwe Kunene a re o itumedisitswe ke tshologelo le go supa kgatlhego ga banana ba Kanye.

Mme Kunene a re go a bonala gore ba nyoretswe thuto, a re maiteko a bone ke a batho ba ikemiseditse go itirela kana go tshwara ka natla fa ba filwe tiro. 

O ba gwetlhile go tswelela ka go ithuta le go nna ba kgobokantse tsotlhe tse mohiri a ka di tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Pitso

Date : 18 Jul 2025