Bogosi bo tlhoka tsamaiso e e nonofileng
16 Jul 2025
Bogosi bo tlhoka molao le tsamaiso tse di nonofileng go dira thomo ya morafe ka botlalo le go rekegela ditshwanelo tsa setho.
Tona wa lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o buile se kwa Tsabong ka Mosupologo a lekodisana le go tsaa maikutlo mo morafeng ka maikaelelo a go fetola ditsetlana dingwe tsa molao o o tsamaisang Bogosi.
Rre Motshegwa a re Bogosi ke pinagare ya morafe, ka jalo go botlhokwa go fetola molao ka go ntsha dilabe tse di kgotlelang tsamaiso ya jone.
A re dikgotlhang tse di amang Bogosi di a tshwenya ka jalo go botlhokwa go dira molao o o tla rekegelang ditshwanelo tsa setho le go nonotsha motheo wa bogosi.
O tlhalositse gore puso ga ena maikaelelo a go dira diphetogo dipe ntle le go rerisa setshaba, ka jalo ba tla tswelela ka go tsaya dikgakololo le dikakanyo go dira molao wa Bogosi o o amogelwang ke botlhe.
“Re tsweletse go lemoga fa molao o, o tshwanetse wa lejwalejwa, ka mo go haphegileng, re lebeletse ditshwanelo tsa setho, segolo bogolo gore puso e ntshae ikaegile ka ditshwanelo tsa setho,” ga tlhalosa Rre Motshegwa.
Rre Motshegwa a re tshireletso ya di tshwanelo tsa setho e tshwanetse ya nonofa mo go sa belaetseng.
Ka jalo, a re tsheka tsheko ya molao wa Bogosi e tshwanetse ya rekegela ditsetlana tsotlhe kana tsamaiso epe e e ka rontshang motho ditshwanelo.
Rre Motshegwa a re ba tlhaloganye fa bogosi e se jwa mongwe le mongwe e bile go le botlhokwa gore morafe mongwe le mongwe o kwale ditso tsa one le tsa bogosi jwa ba supa ka fa ba tlhomaganang ka teng, go nna le motlhala go itsa ketsaetsego le dintwa tsa Bogosi.
Rre Motshegwa a re mekwalo ya ditso tsa mofuta o, e tshwanetse ya rurifadiwa le go somarelwa ka e thusa gore ditso di seka tsa nyelela fa ba ba di itseng ba tlhokafala.
O tsweletse a gakolola gore bana ba ba amiwang kana ba itse ba lebaganwe ke tiro ya Bogosi ba tswelele ka go ba ithuta ka tsamaiso ya jone gore ba kgone go etelela morafe ka boamaruri le gone go itepatepanya le diphetogo.
A re ke nako ya gore lefatshe le nne le dikgosi tse di rutegileng, di tlhaloganya ka botlalo tsamaiso le molao.
Fa a tlhalosa tiro ya Bogosi, Kgosi Puso wa Batlokwa a re kgosi e tshwanetse go tlamela morafe, go somarela ngwao le ditso tsa batho ba yone.
A re kgosi e tshwanetse gape ya dibela ditso le matlotlo a tlholego, ga mmogo le gone go tlhabolola motse le morafe.
“Kgosi e tshwanetse ya tiisa popagano, kagiso le ledula gore morafe o nne ngata ele nngwefela, a seka a phatlalatsa morafe.”
Morafe wa kgaolo ya Tsabong o ne wa lebogela tona ka tshwetso e a e tsereng ya go ba rerisa ka keletso ya go fetola ditsetlana dingwe tsa molao wa Bogosi le gone go ba fa sebaka sa go nna le seabe mo go tliseng diphetogo tse di tla thusang go bopa setshaba le go tlotlomatsa dithswanelo tsa setho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jul 2025