Balemi-barui ba atla dipatlisiso
16 Jul 2025
Balemi-barui ba metse ya Dutlwe le Motokwe mo kgaolong ya Letlhakeng ba tlhaloseditswe ka dipatlisiso tse di dirwang go ba thusa go lwantsha dikgwetlho gore ba kgone go dira dipoelo ka ditswa-temong.
Bosheng, ba lephata la dijwalo kwa Letlhakeng, ba kopanye le ba lephata la dipatlisiso tsa temo-thuo la National Agricultural Reseach and Development Institute (NARDI) ba ne ba kopanye le balemi-barui ba ba botlana go utlwa dikgoreletsi tse ba nang le tsone mo temong.
Mogolwane wa lekalana la dipatlisiso la NARDI, Dr Tiny Motlhaodi a re ba tshwaraganye le lefatshe la Dubai go dira dipatlisiso ba itebagantse thata le balemi barui ba ba botlana.
Dr Motlhaodi a re dipatlisiso tse, di tla a ba thusa go tlhaloganya dikgwetlho tse balemi-barui ba kopanang le tsone go bona gore ba ka ba thusa jang go fenya dikgwetlho tseo, le go leba temo-thuo e le motswedi wa go dira madi eseng go ntsha dijo fela.
A re dipatlisiso tsa bone di tlaa itebaganya le kgwetlho ya metsi a a letswai, ka gore ke sengwe sa tse di kgoreletsang thata mehama ya temo-thuo mo kgaolong ya Letlhakeng.
Dr Motlhaodi a go tsweng foo, ba tlaa buisana le ba lefatshe la Dubai, go bona gore ba ka ba thusa jang gore ba tokafatse boleng jwa metsi a a tlhokwang ke balemi-barui mo kgaolong eo.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Batho Tshoso o tlhalositse fa ba ikaegile thata ka temo.
Kgosi Tshoso a re monongwaga, e ne e le ngwaga o o monamagadi mo go bone mo go tsa temo.
A re sengwe sa tse di tshwenyang balemi ba motse wa gagwe le kgaolo ka kakaretso ke go tlhoka mmaraka o o tsepameng wa ditswa-temong.
Balemi ba atile lenaneo la lephata la dijwalo le ba NARDI, ba re tsholofelo ke gore dipatlisiso tse di dirwang di ntshe maduo.
Ba tlhomamisitse fa ele boammaaruri gore temo-thuo mo kgaolong ya bone e kgorelediwa ke gore metswedi ya didiba ka bontsi e ntsha metsi a a letswai a a sa kgoneng go nowa ke leruo kana go nosetsa dijwalo.
Dingwe tse di tlhorontshang balemi ke diji tse di akaretsang dinonyane tsa thaga le dikgaka, setotojane, noko le podile.
Mo mohameng wa thuo gone ba supile fa ba tshwenngwa thata ke kgofa, dibatana le magodu.
Le fa go ntse jalo, balemi-barui ba supile gore puso e dira maiteko go ba thusa go lwantsha dikgwetlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Motokwe
Event : Bokopano
Date : 16 Jul 2025