Mekgatlho e rotloetsa baithuti
16 Jul 2025
Letlhoko la didiriswa mo dikoleng tse di botlana le gwetlhile maloko a mekgatlho ya Maun Taxi Social Clubs go rulaganya metshameko e le tsela ya go kokoanya madi a go thusa dikole.
Maduo a metshameko eo, a ne a itshupa ka Labotlhano, jaaka mekgatlho e ne e abela sekole sa Tawana didirisiwa tsa thuto e le tsela ya go rotloetsa baithuti.
Fa bua kwa moletlong wa kabo dimpho, Kgosi Rogers Marumo wa kgotla ya Thito o lebogile balatedi ba mekgatlho eo, a re ba supile boikarabelo le gone go kgathala ka thuto ya bana.
O tlhalositse fa sekole sa Tawana se aperetswe ke letlhoko le le kwa godimo, a supa fa le matlwana a boiteketso a bana a le mo seemong se se sa kgatlheng
“Go aba ga go reye gore motho o a bo a na le itsholelo e faphegileng, ke go supa lorato le go kgathala ka sepe fela se a se kgonang,” a tlatsa jalo a gwetlha morafe ka kakaretso go tsosolosa mowa wa boithaopo le boipelego o Batswana ba itsegeng ka one.
Kgosi Marumo o tsweletse a re mpho eo, e tla dira pharologanyo mothutong ya bana, a tlatsa ka gore bana bangwe ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase mme ba tlhoka le tsone ditlhako tsa sekole bogolo jang ka nako ya mariga.
A re puso ele nosi e ka se kgone go rarabolola dikgwetlho tsotlhe ka nako e le nngwe, seemo se a reng se gwetlha Batswana go supa seabe sa bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Mme Veronica Ridge o ne a iteela mekgatlho legofi, a supa fa go na le tlhaelo ya madi go ka rarabolola mathata a a aparetseng dikole.
A re dimpho tseo, ke sesupo sa gore ba utlwile mokgosi wa puso mme ba tsiboga, a tlatsa ka gore di tlaa thusa go tokafatsa maduo a baithuti.
Mme Ridge o kopile barutabana go tlhokomela dimpho tseo gore di sologele baithuti molemo.
Moemedi wa mekgatlho, Rre Osiame Marumoagae o tlhalositse fa dimpho e le sesupo sa gore bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba na le boikarabelo jwa go tsenya letsogo mo ditrong tsa setshaba.
“Batho bangwe ba re leba ka leitlho la gore ga rena botho ebile re makgwakgwa mo tsheleng mme seo ga se nnete. Re batho fela ba ba kgathalang jaaka botlhe, ke ka moo re boneng go tshwanela go kokoanya madi ka metshameko go thusa dikole tse diaparweng ke letlhoko la didiriswa,” a tlatsa jalo.
O boletse fa ba setse ba thusitse dikole di le mmalwa jaaka se segolwane sa Tshwaragano, le se se potlana tsa Gxhabara, mme maikaelelo e le go thusa sa Boyei mo bogaufing.
Rre Marumogae o boletse fa ba ikopanya le bogogi jwa dikole pele go utlwa matlhoko a bone mme ba thuse fa ba kgonang teng.
O gwetlhile banni go rotloetsa metshameko ya bone gore ba kgone go oketsa dithuso le gone go atolosetsa letsogo kwa dikoleng tse dingwe.
Mogokgo wa sekole Mme Obogisitswe Moilwa o ne a supa boitumelo a bo a kgothatsa mekgatlho eo gore e seka ya nyatsa maiteko a bone.
A re ba tswa kgakala ba sokola ka didrisiwa.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Lerayamang Baswi a re ba itumelela go bona mekgatlho e ba tla matshediso ka go thusa mo letlhokong la dikole a tlatsa ka gore o dumela fa dimpho tse di tlaa dira pharologanyo e kgolo mo baithuting ga mmogo le maduo a sekole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Moletlo wa kabo ditsha
Date : 16 Jul 2025