Breaking News

Moalo wa Ipelegeng o Mosha o etla

16 Jul 2025

Moalo wa lenaneo la Ipelegeng o o tlhabolotsweng o santse o apeilwe go o baakanyetsa go phatlaladiwa go tsena mo tirisong go ralala dikhansele tsotlhe mo lefatsheng leno. 

Moemedi go tswa khanseleng ya Lobatse e bile e le molomaganya ditirelo tsa Ipelegeng kwa Lobatse Rre Baine Tlhoolebe-Seloka a re moalo wa ditogamaano tsa go fetola Ipelegeng o santse o dirwa ka jalo banni ba tshwanetse ba leta ka tsholofelo le ka tlhomamo go akola lenaneo le lesha. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lobatse Rre Kamal Jacobs ka Mosupologo.

Rre Tlhoolebe-Seloka o ne a supa gore ba malala a laotswe go diragatsa lenaneo le lesha ka jaana mo nakong eno ba setse ba simolotse go tlhatlhelela babereki ba Ipelegeng ka dithuto. O tlhaloseditse banni gore mo nakong eno go na le ba ba setseng ba alogile mo dithutong mme seo ke tsela nngwe ya go ba tlhokoletsa go tsena mo Ipelegeng e e tlhabologileng.

O boletse fa lenaneo la Ipelegeng kwa Khanseleng ya Lobatse le ntsheditswe madi a a fetang P14 million mo ngwageng ono wa madi, a re mo go one madi ao, P13 million ke a dituelo tsa babereki. A re ba faraferwe ke letlhoko la didirisiwa mme a re madi a go reka di dirisiwa a a tlhaela.  A re ba itemogetse tshenyo kana tiriso botlhaswa ya didirisiwa tsa Ipelegeng mme seo se baka tlhaelo ya didirisiwa.

O buile seo fa a ne a araba dipotso tsa banni ba ba neng ba supa fa go na le tlhaelo ya didirisiwa mme ba kopa go rekelwa didirisiwa tsa segompieno tse di tlhabolotsweng. 

Rre Tlhoolebe-Seloka a re molao wa lenaneo la Ipelegeng o tlhamaletse gore babereki ba Ipelegeng ga ba dirise didirisiwa tse di tlhabologileng. Mme a ba tlhagisa gore fa molao o ka fetolwa go ba letlelela go di dirisa seo se tsile go fokotsa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka gore bontsi jwa tiro jaanong bo tlaabo bo dirwa ke didirisiwa tseo.

Mogolwane yoo a re moalo wa Ipelegeng o mosha o santse o kwalwa mme mo nakong eno ditshetlana tsa lenaneo di a supa gore mmereki wa Ipelegeng ke motho wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya ko godimo ka jalo bagodi le bone ba a letlelelwa go bereka ko Ipelegeng go sena seelo sa dingwaga. 

O boletse gore go teng gore mogodi yo o amogelang madi a bagodi o ka bereka Ipelegeng, mme e bile gape o kgona go tsena le mo komiting ya ditlhabololo mme a re mo nakong eno dilo tseo tsotlhe di a seka-sekwa mme go tlaa senoga mo moalong o mosha wa Ipelegeng gore go tsile go diragala jang. 

E re ka lefatshe le agetswe mo matshegong a mararo e bong la Ipelegeng, Therisanyo le Popagano, o boletse fa moalo o o tlaa akaretsa tseo.

Kgosi Serogola Seretse wa kgotla ya Motswedi mo Lobatse o lebogetse tiro e ntle e e dirwang ke babereki ba Ipelegeng mme a re go botlhokwa gore ba thusiwe ka go rekelwa didirisiwa tse di tlhabologileng tsa segompieno gore ba kgone go dira tiro ka boheho e bile ba sa babalelwe,

O ne a lebogela tshimolodiso ya go agelwa kgotla mo Motswedi e e tlaa lopang Puso madi a P4.3 million morago ga go nna sebaka se seleele ba sena kgotla. A re ba itumelela gore moagi o setse a abetswe tiro mme e bile o setse a gorogile. O boletse fa ba solofetse gore go dirwe tshimolodiso semmuso ya tiro eo mo bogaufing.

Kgosi Seretse o kopile gore selebego sa toropo eo se tokafadiwe go kgatlhisa leitlho go ngoka bagwebi le gone gore tsela go tswa ko molelwaneng wa Pioneer Border Gate e phepafadiwe, e bo e lengwe ditlhare go fiwa selebego se sesha. 

Mo godimo ga moo, a re go botlhokwa gore tautona wa pele Sir Ketumile Masire a fiwe tlotla ka o diretse lefatshe, mme go dirwe sefikantswe sa gagwe kwa dikagong tsa pele tsa semolao tsa Old Legislative Council ka gore melao e ne e rarabololwa foo ke bone le tautona wa Pele Rre Seretse Khama. 

Kgosi Seretse o ne a supa jalo gore toropo ya Lobatse e humile ditso ka jalo go botlhokwa go ribolola ditso tseo go tsholetsa serodumo sa toropo eo, a lebogela gore mo nakong eno letsema le tsweletse go diragatsa seo.

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolo ya Thema/Motswedi, Rre Velem Heii o lebogetse mopalamente go ya go tsaya megopolo kwa Batswaneng go e isa kwa palamenteng a supa jalo gore go tshegetsa ngwao ya neelano le therisanyo ke selo se se molemo ka jalo se tshwanetse sa rotloediwa.

 A re lefatshe leno le santse le aperwe ke letlhoko la madi le le tseneletseng ka jalo ditsholofetso tse di beilweng bagodi, baithuti le mehama e mengwe pele di tlaa diragadiwa mme ba nne pelotelele.

“Go na le baithuti bangwe ba ba ikaelelang go bopelela mme Tona wa thuto o ne a ba raya a re ditsholofetso tsa lona re santse re le mo go tsone mme leba sengwe ke se, go na le baithuti ba ditiro tsa diatla ba ba neng ba lebetswe ka lobaka lo lo leele ba sa akanngwe. 

A re ba lebe pele re ba gakologelwe. Fa tsholofetso ya gago e ise e diragadiwe o itse gore morwarraago o santse a akantswe a re nne pelo telele, mme re seka ra shakgalelana ka gore re a itse gore tsela e re batlang go e tsaya re ya kae,” a bolela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jul 2025