Ba-na-le seabe ba batla maduo a a botoka
16 Jul 2025
Lephata la thuto kwa kgaolong ya Kanye le ba-na-le-seabe ka go farologana, bodiredi, batsadi barutabana, magosi, makgotla a batsadi le barutabana ba ne ba thulanya ditlhogo go sekaseka ka fa go ka tlhabololwang maduo a bana ba dikole go lebilwe boitshwaro jwa bana le mabaka a mangwe a a bakang go amega ga maduo a sekolo.
Kgaolo e e na le dikole tse di botlana di le masome mabedi le bosupa, tse dikgolwane di le boferabongwe. Mme go ya ka pego ya mogokgo wa sekole se segolwane sa Seepapitso, Rre Sandy Mophuting, maduo a ngwaga wa 2024 a kailwe a wetse kwa tlase go tswa kwa ngwageng wa 2023.
Maduo a dikole tse dikgolwane a baithuti ba mophato wa bone, a ne a le mo seelong sa 55.6 mo lekgolong, ka jalo Rre Mophuting a re se raya gore dikole tse dikgolwane tsotlhe ga di a dira sentle.
Rre Mophuting o kaile fa mabaka magolo e le bodiredi le meamuso e e tlhaelang, jaaka go tlhaela ga barutabana ledidirisiwa di tshwana le metshine e e dirang meriti ya dipampiri.
O ne a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya kemonokeng ya batsadi mo baneng, go tlhoka go itumela ga barutabana, boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jwa barutabana le baithuti.
O tsweletse ka go tlhalosa gore, go akaretsa ba-na-le-seabe botlhe mo setshabeng jaaka maphata a a farologanyeng, magosi, barutabana le batsadi le ba bangwe go ka tokafatsa maduo a bana. Fa ba ntsha maano a go ka tokafatsa maduo, ba tsenelela pitso e, ba ne ba tlhalosa fa batsaya karolo botlhe mo thutong ba tshwanetse go ela tlhoko maduo a bana. Bangwe ba gateletse gore go tshwanetse go nne le go itlama go diragatsa dikakanyetso tse di ntshitsweng go na le go ntsha dikakanyo tse di sa diragadiweng.
Fa a ntsha la gagwe mo ditharabololong, Rre Hennel Kaisara, morutabana wa tsa Ditso kwa sekoleng sa Seepapitso o ne a re bana ba tshwanetse go rutiwa go ithuta go dira tiro ya sekolo go tswa kwa lapeng gore fa ba setse ba simolotse sekole e seka ya nna kgwetlho mo go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 16 Jul 2025