Breaking News

Bogodu Jwa Dihutshane Bo Ile Magoletsa

15 Jul 2025

Mapodise a Serowe a tsibosa barui ba kgaolo ya MOTHAMO, e akaretsang metse ya Mogorosi, Thabala, Motshegaletau le Moiyabana go nna pudi matseba go lwantsha bogodu jo bo tlhatlhogileng jwa dihutshane.

Se, se tla morago ga go lemoga fa go na le batho ba ba tsamayang ka koloi ba utswa dihutshane mo masakeng ka lehitshwana.

Mogolwane wa mapodise, Superintendent Poloko Oteng a re lemogile gore magodu ao, a emela morui gore tlhatlhele dihutshane, e re jaaka a hulara, ba ngwangwaele mo lefifing ba olela gotlhe ka koloi.

Supt Oteng a re ka mafelo a beke, magodu ao, a oletse dipudi tsa morui mongwe di le lesome le botlhano (15) kwa merakeng ya Sesoma go bapa le Serowe mme ba tsena ka lenga la seloko.

O rotloeditse barui go nna pudi matseba le go begela ba sepodise ope yo a belaelwang a ka amega mo bogodung jo kana a bonwa ka dihutshane, mme go sa itsiwe gore o di tsaya kae.

Rre Oteng a re le ba ba rekang dihutshane ba sale tsamaiso morago.

O rotloeditse barui go nna kwa merakeng, ba tlhokometse leruo la bone. A re seemo sa go tlhatlhela leruo mme morui a bo a boela kwa gae go sala go sena motlhokomedi ke sone se rotloetsang bogodu jwa mofuta o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 15 Jul 2025