Baetelepedi ba kereke ba abelana maele
15 Jul 2025
Baetelepedi ba dikereke ba rotloeditswe go ikgolaganya, go tsaya malebela kgotsa go abelana maele a ka one ba ka a dirisang go gogela setshaba kwa Modimong.
Se se builwe ke mookamedi wa lekalana la dikereke la Organisation for African Institutional Churches (OAIC) Archbishop Dr Tebogo Motlhagodi kwa thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya Healing Saints Apostolic Church kwa Kopong ka Matlhatso.
Tiro e ne e ikaegile ka setlhogo se se reng: Morwaaka Somarela Thuto e, o Seka wa e Rekisa, maikaelelo a yone e le go tsibosa le go tlhatlhelela baeteledipele ba kereke ka ditsela tse di faphegileng tsa go etelela kereke ka tlhamalalo.
Archbishop Dr Motlhagodi o gateletse gore kereke ke yone seikokotlelo mo go ageng setshaba ka jalo a gwetlha baeteledipele go etelela kereke ka kelelelo gore e kgone go nna lemapo le le itshetletseng go ka ikanngwa ke setshaba.
A re puso e ikaegele ka kereke mo go sokololeng setshaba, ka jalo a gakolola boeteledipele jwa kereke go abelana dikitso tse di tsamaisanang le nako tsa matshelo a segompieno.
Dr Motlhagodi o ne a tswelela ka gore kereke e tshwanetse go rotloetsa kagiso le thokgamo mo setshabeng.
Mongwe wa balediwa Moruti wa kereke ya City of Revelations, Rre Simon Ntsebele a re kereke e lebanwe ke kgwetlho ya go itebaganya le go lwantsha seemo sa kgokgokntsho ya bong.
Moruti Ntsebele o ne a re e re le ntswa kereke e sa dire dipoelo e tshwanetse go tsenya tlhogo go tlhamela banana mebereko.
Fa a ama ba tsena thuto puisano ka lefoko, Moruti wa kereke ya Healing Saints Apostolic Church Moruti Tshenolo Pansiri a re maikaelelo e ne ele go rutana le go ruta ba bangwe gore maemo kana thomo e ba e tshegeditseng ele baruti e tshwanetswe ya tlotlwa go le kae.
A re fa o le moeteledipele, o tshwanetse go itse gore o itshwara jang le gore batho ba ithutang mo go wena.
Moruti Pansiri o gakolotse baeteledipele go kopa botlhale pele mo Modimong gore ere le mo nakong e e tlang, bana ba tsoge ele baeteledipele ba tlhwatlhwa e bile ba na le poifo Modimo.
O rotloeditse botlhe go tswelela ba ithuthuntsa ka dineo kgotsa maemo a bone gore ba kgone go tlhaloganya tiro sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Kopong
Event : Thuto puisanyo
Date : 15 Jul 2025