Mantaga O Amogela Thomo
15 Jul 2025
Baruti ba kgothaditswe go nna sekao ka go ikgapha, go sa ikgogomose ka maemo a bone, mme tshware maloko a dikereke tsa bone ka diatla tso-o-pedi le ka tekatekano jaaka e le baeteledipele ba diphuthego.
Moruti Keleneilwe Kgerethwa go tswa United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Phakalane o buile kgothatso e jaaka a ne a tshwaya tiro ya go simolodisa legato la leeto la ga moruti Kabelo Mantaga la go ithutela boruti, a eteletse pele phuthego ya UCCSA, Tsabong. Tiro e e ne e tshwaretswe kwa Tsabong ka Tshipi.
Moruti Kgerethwa yo e neng e le sebui segolo sa letsatsi leo, o ne a rotloetsa moruti Mantaga go ikakatlela ka lefoko la Modimo le go mo ikanya ka nako tsotlhe ka e le ene lesedi la gagwe mo go eteleleng pele phuthego ya kereke.
Moruti Kgerethwa, yo e leng mokwaledi wa pele wa Synod Botswana o ne a gakolola moruti Mantaga go tsaya tiro ya gagwe ka tlhwaafalo, a e rate le go e dira ka pelo ya gagwe yotlhe, a e dira ka manontlhotlho a beile kwa pele thapelo ka e le pitso le thomo ee tswang kwa Modimong.
Moruti Kgerethwa o ne a kgothatsa gape moruti Mantaga go rera thero ya mafoko a boammaaruri a baebele e e boitshepo ka e le yone e ka mo kaelang le go mo goga mo tirong ya gagwe ka nako tsotlhe. Fa a kgothatsa moruti Mantaga mabapi le setlhogo sa letsatsi leo sa: Direla Modimo ka Pelo e e Eletsang, (Serving God with Willingness) o ne a mo kgothatsa go nna le boikobo, boineelo, le bopelotelele mme a seka a ikgogomosa ka maemo a gagwe. O rile a etelele pele phuthego ka lorato le go tsaya maloko ka tekatekano ka jaana phuthego e le letsomane la Modimo le le tlhokang go pepetlediwa.
Go le pele moruti Kgerethwa o ne a ikanisa moruti Mantaga fa pele ga diphuthego tsa UCCSA le diphuthego tse dingwe go dira maikano e le seatla sa phuthego ya Tsabong Local Church mo kgaolwaneng ya Matsha mo kgaolong (synod) ya Botswana.
Moruti Mosimanegape Kebafe yo o eteletseng pele kgaolwana ya Matsha le Moeding o ne a tlhalosa fa mo kerekeng ya UCCSA go na le dingwaga tse pedi morago ga go wetsa dithuto tsa boruti, tse morutwana a di nnang pele ga tirelo ya go bewa diatla.
Moruti Kebafe yo e leng ene molebeledi wa ga moruti Mantaga o boletse fa mo lobakeng leo, moithutela boruti a tsena mo tirelong ya tebelelo le go sekwasekwa a beilwe mo phuthegong ya selegae, e le nako ya go ithuta le gone go direla phuthego e a e eteletseng pele.
O ne a kopa diphuthego tsa UCCSA mo kgaolong ya Tsabong go rotloetsa moruti mo dithutong tsa gagwe ka go nna pelotelele le go tlhaloganya go mo thusa go gola mo bodireding jwa gagwe ka go mo ema nokeng.
Fa a amogela thomo ya go ithutela boruti, moruti Mantaga yo o tlholegang kwa motseng wa Lekgolobotlo mo kgaolong ya GaNgwaketse o ne a supa fa a tlaa dira tiro ya gagwe ka natla, boikobo, boineelo le tlotlo a eteleditse pele Modimo go mmontsha tsela le lesedi go etelela pele phuthego ya Tsabong.
O boletse fa a setse a simolotse tiro ya gagwe ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono mo Tsabong mme a setse a dirile botsalano le tshwaragano le baruti le diphuthego tsa UCCSA tse di farologanyeng go dira tiro ya Modimo mmogo.
Moruti Mantaga yo o dingwaga tse di masome a mane le boraro o boletse fa a ne a etelela pele phuthego ya kereke ya UCCSA mo kgaolong ya Kgalagadi bokone kwa Kang ka ngwaga wa 2014-2017 le kwa Mankgodi 2018-2021 a ntse a ithuthuntsha mo boruting.
Fa a amogela diphuthego mo letsatsing leo, modulasetilo wa UCCSA, Matsha Region, Mme Basadi Tlhabanelo o ne a tlhalosa fa kgaolwana eo e le bophara ka e simolola kwa Khuis mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa go fitlha kwa Ukhwi mo kgaolong ya kgalagadi Bokone mme disekete tsone di le lesome le bobedi.
Mme Tlhabanelo o ne a supa fa ba amogela moruti Mantaga ka diatla tso-o-pedi ka seo e le tshegofatso mo go bone mme a gwetlha diphuthego go mo ema nokeng ka nako tsotlhe, mme ba tsepame mo tumelong tlotlo, popogano le tshwaragano gore a tle a kgone go dira thomo ya gagwe ka botswerere.
Mme Gaebolae Mothelesi, moemedi wa phuthego ya UCCSA mo Tsabong o ne a galaletsa thata gore ba segofaditswe ka moruti yo o ba eteletseng pele mme jaanong tsotlhe tse ba neng ba na le lenyora ka tsone di akaretsa go ja selalelo le ditiro tse dingwe tsa kereke e le selo sa maloba.
O ne a kgothatsa phuthego go nna le tlotlo le popagano go ya pele.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mokhanselara wa Tsabong Bokone Rre William Coetzee o ne a nopola mafoko mo baebeleng ya Baroma 5:10 a a reng “Ba tla rera jang fa ba sa rongwa”? A supa fa seo e le thomo e e tlaa sologelang phuthego ya Tsabong molemo e bile e tshwanelwa ke go galalediwa ka lorato, tlotlo le gone go amogela moruti ka diatla tsoopedi.
Rre Coetzee o ne a gwetlha diphuthego tsa UCCSA go goga mmogo ba le seopo sengwe le go ema nokeng moruti mme a tlatsa ka go galaletsa barulaganyi ba tiro eo baruti le diphuthego tse di farologanyeng go tlhomamisa gore tiro eo e a atlega.
Moruti le mohumagdi ba ne ba rotloediwa ka go abelwa P13 700, kapari ya ngwao ya Namastaap le leruo ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Tirelo ya kereke
Date : 15 Jul 2025