Breaking News

Badiragatsi ba iteisanya

14 Jul 2025

Barati ba bodiragatsi ka go farologana ba ne ba tsile go bogela badiragatsi kwa sekoleng sa ithutelo ditiro sa maranyane sa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) ka Matlhatso jaaka fa ba ne ba iteisanya borathana go itlhokoletsa dikgaisanyo tsa kgaolo ya legare.

Dikgaisanyo di ne di rulagantswe ke ba National Arts Council of Botswana mme di ngokile ditlhopha tse di farologaneng go tswa mo kgaolong ya Palapye le Tswapong Bokone.

Mo dikgaisanyong tseo, badiragatsi ba ne ba gaisanya ka go tshameka segaba, setinkane, katara, poko, mogolokwane, metlae, go letsa dipina (DJ), dikhwaere le go opela (live band).

Le fa go ntse jalo go tswa kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, moletsi wa setinkane Mme Gaotwesepe Ramedupe o ne a tsaya maemo a ntlha fa Mme Mositi Keitumetse a ne a tsaya maemo a bobedi.

Mo baletsing ba dikatara go tswa kwa kgaolong ya Palapye, Rre Michael Monang o ne a tsaya maemo a ntlha mme Rre Kefilwe Rapelang a tsaya maemo a bobedi fa go tswa kwa kgaolong ya Tswapong Bokone Rre Gaedupe Keitumetse a tsere maemo a ntlha mme a latelwa ke Rre Kegaisamang Baakanyang mo maemong a bobedi.

Moletsi wa segaba, Mme Tsheko Matshetshe o ne a seka a bona yo o gaisanyang le ene, fa mo go tsa poko, Rre Omphemetse Lerato a ne a tsaya maemo a ntlha mme maemo a bobedi a tsewa ke Rre Thomas Lentshwanetse.

Setlhopha sa tsutsube go tswa Palapye se se ipitsang Reetsang Ka Rona se ne sa seka sa bona yo o gaisanyang le sone mme sa feta go ya kwa legatong le lengwe. 

Mo go tsa dikhwaere go tswa kwa Tswapong Bokone, ba khwaere ya Thunder ba ne ba tsaya maemo a ntlha fa a bobedi a ne a tsewa ke ba khwaere ya Lerala mme ba khwaere ya Dipilara go tswa Palapye ba fetela kwa legatong la bobedi ka ba ne ba sena yo o gaisanyang le bone.

Mogo ba live band, Output Band go tswa Palapye e ne ya tsaya maemo a ntlha mme High Voltage ya tsaya maemo a bobedi, mo go ba Backtrack Rre Moeti Teisi go tswa Palapye a tsaya maemo a ntlha, a bobedi a tsewa ke Rhino Musica.

Mo mminong wa setapa, setlhopha sa Maatswakgosi go tswa Palapye se ne sa tsaya maemo a ntlha fa sa Marinane sa tsaya maemo a bobedi. Mo go tsa mogolokwane go tswa kwa Tswapong Bokone Mme Keitemoge Ramotshabi o ne a tsaya maemo a ntlha fa Mme Grace Mmokwe a tsere maemo a bobedi.

Mo go ba DJ go ne ga seka ga nna le yo o fetelang kwa legatong la bobedi.

E ne e rile a bua kwa letsatsing leo, Mme Maitumelo Pheko go tswa kwa ofising ya ga molaodi ya Palapye a gwetlha badiragatsi go tlhoafalela go dirisa talente ya bone go itshetsa mo dinakong tsa gompieno tse go nang le letlhoko la ditiro bogolo jang mo bananeng.

A re motho fa a na le talente ga a a tshwanela go e fitlha, mme o tshwanetse a e ntshetse kwa ntle gore e gole e bo e mo thusa. A re fa talente e ntshediwa kwa ntle go a thusa ka o tla a e betla.

O ne a supa fa bontsi jwa batho kwa mafatsheng a sele ba itshetsa ka ditalente tsa bone tse ba di filweng ke Modimo jaaka go opela, go dira metlae, go letsa didirisiwa tsa setso, go bina, go tshwantsha le tse dingwe mme ba humile ka ba di ntsheditse kwa ntle.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Khurumela kwa Palapye Rre Molaiemang Nkganetsang o ne a lebogela botlhe ba ba neng ba tsaya karolo mo dikgaisanyong tseo mme a supa fa go na le bodiragatsi jo bontsi mo kgaolong ya Palapye le kgaolo ya Tswapong Bokone ka go ne ga tla badiragatsi ba dikarolo tse di farologaneng.

O ne a kgothatsa ba ba sa kgonang go fetela kwa legatong le le lateng go itlhokoletsa ngwaga o o tlang a supa fa go tla a ba thusa ka ba kgonne go lemoga fa ba sa dirang sentle teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Dikgaisano tsa mmino

Date : 14 Jul 2025